Monna wa kwa Tlapeng o tlhokafetse morago ga go teketiwa


Ka OBAKENG MAJE

27 Ngwanatsele 2026 – Monna wa kwa motseng wa Tlapeng, gaufi le Taung, o tlhokafetse morago ga go teketiwa setlhogo. Go belaelwa fa a ne a itewa ke lekau la lekgarebe le a neng a ratana le lone. Moswi, yo o itsiweng ka leina la Bokate Carter Mabogole, go begwa fa a ne a gobadiwa thata ka ntlha ya go itewa, mme moragonyana a tlhokafala.

Go ya ka tshedimosetso e e fitlheletseng The Guardian Newspaper, go belaelwa fa tiragalo eno e se la ntlha e diragala.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, o netefaditse gore sepodisi sa Taung se amogetse pego ya loso le le sa tlwaelegang kwa bookelong jwa sedika jwa Taung fa kgwedi ya Ngwanatsele e ne e tlhola matsatsi a le 22 mono ngwaga. Van Rooyen o tlhalositse gore moswi o ne a tlisiwa kwa bookelong ke badiri ba mmoshara gore go netefadiwe loso lwa gagwe.

“Le fa go ntse jalo, morago ga go tlhatlhobiwa, go ne ga lemogiwa gore loso lwa ga Mabogole lo bakilwe ke mabaka a e seng a tlholego. Sepodisi se ne sa itsisiwe le go bula kgetsi ya loso lo lo sa tlhaloganyesegeng, mme dipatlisiso tsa morago ga loso (post-mortem) di ne tsa supa gore go na le bosupi jwa gore go ka tswa go nnile le tiragalo ya bosenyi.

“Ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana, mme dipatlisiso di tsweletse,” ga tlhalosa van Rooyen.

taungdailynews@gmail.com