Monna o atlholetswe botshelo botlhe kwa kgolegelong mabapi le dipetelelo


By BAKANG MOKOTO

12 June 2026 – Monna wa dingwaga di le 44 yo go begwang fa e le moagi wan aga ya Botswana, Elias Lekganyane, o atlholetswe botshelo botlhe kwa kgolegelong ke kgotlhatshekelo ya sedika ya Molopo mono Mahikeng mabapi le dipetelelo le go thuba mo ntlung. Go begwa fa molatofadiwa a ile a itatlhela ka letlhabaphefo kwa ntlung nngwe kwa Reviera Park mono Mahikeng mo bosigong fa kgwedi ya Seetebosigo ene e tlhola matsatsi a le 15, ka ngwaga wa 2023.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Ngaka Modiri Molema, Sarasanta Sipho Taliwe are motswasetlhabelo wa dingwaga di le 55, one a robetse fa a utlwa mokgwasa mo ntlung. Taliwe are motswasetlhabelo o ile a tsoga le go ya go lekola gore go diragalang.

“Ka maswabi, o ile a kopana le molatofadiwa. O ile a mo kgema le go mo hapa maoto le matsogo ka thudi. Go begwa fa molatofadiwa a ile a mo betelela, mme morago ga moo, a tsaya dilwana tsa mo ntlung le go di pega mo sejanageng sa motswasetlhabelo.

“Go begwa fa molatofadiwa a ile a boela mo ntlung, mme a betelela motswasetlhabelo lekgetlho la bobedi. Go begwa fa Lekganyane a ile a leka go dumisa sejanaga sa motswasetlhabelo, fela go ile ga pala. Go begwa fa a ile a boela kwa ntlung le go betelela motswasetlhabelo lekgetlho la boraro,” Taliwe wa tlhalosa.

Taliwe are Lekganyane o ile a shupiwa ke motswasetlhabelo, mme seo se ile sa lebisa kwa go tshwarweng ga gagwe. Taliwe are Lekganyane o ile a bonwa molato mo ditatofatsong di le thataro go akaretsa dipetelelo di le tharo, go thuba mo ntlung, go tshwara poo ka maitlhomo a go ntsha dikgobalo ga mmogo le go tlola molao wa bofaladi.

“Leina la molatofadiwa le tla tsenngwa mo maineng a batho ba ba golaganngwang le dipetelelo, mme o tlhalositswe fa a sa siamela go tshola tlhobolo,” Taliwe wa tlhalosa.

Re sale foo, mokomishinara wa sedika sa Ngaka Modiri Molema, Major General Deborah Mmolawa, o amogetse katlholo e e neetsweng Lekganyane. Gape Mmolawa o akgotse mmatlisisi wa kgetsi e, ga mmogo le lephata la bosekisi.

taungdailynews@gmail.com