Monna o bolailwe kwa Kgalalelo’s tavern kwa Extension 6


Ka OBAKENG MAJE

Monna o tlhabilwe le go bolaiwa kwa lefelong le le rekisang nnotagi kwa Kgalalelo’s tavern kwa Extension 6, mo Taung ka Lamatlhatso. Go begwa fa sepodisi sa Taung se ile sa bilediwa kwa lefelong la tiragalo kwa se fitlhetseng gone monna a rapaletse fa fatshe, mme a sa tsikinyege.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are, go bontsha fa moswi ane ana le dintho tsa go tlhabiwa.

“Kgetsi ya polao e ile ya bulwa morago ga gore monna wa dingwaga di le 40 a tlhabiwe le go bolawa. Moswi o ne a na le dintho tsa go tlhabiwa mo mmileng wa gagwe.

“Go fitlha ga jaana, ga ise go tshwarwe ope mme dipatlisiso ditsweletse,” van Rooyen wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com