
Setshwantsho-papiso: Ngwana o nwetse mo metsing kwa Mokassa
KA OBAKENG MAJE
4 Motsheganong 2026 – Go begwa fa go na le ngwana o a letseng a nwetse mo metsing mo letsatsing la maabane kwa motseng wa Mokassa 2, gaufi le Taung. Go ya ka dipego, ngwana o, o ile a wela mo khuting e e neng e tletse metsi morago ga dipula tse di maatla.
Go begwa fa khuti e, e ne ya epiwa ke rakonteraka mongwe ka motsi wa fa a ne a tabola mmu kwa lefelong leo. Go ya ka dipego, batlhankela ba sepodisi ba lekala le le sapang, ga ba kgona go ntsha ngwana o mo letsatsing la maabane ka ntlha ya boteng jwa metsi.
Fela go solofetswe fa go ntshiwa ga ngwana o, go tla tswelediwa mo letsatsing la gompieno.
Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Colonel Adele Myburgh, o ikuela go baagi go nna kelo-tlhoko fa ba feta kwa matamong ga mmogo le melapo e farologaneng, gonne e phophoma ka metsi. Myburgh are gape ditsela di le dintsi ga di tsamaege ka ntlha ya dipula tse di maatla segolo bogolo jang mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati le kwa porofenseng ya Kapa Bokone.
“Fa e sale maabane mo mosong, lekala la mapodisi le le sapang, le ntse le tsweleditse thulaganyo ya go falosa bakgweetsi bangwe ba dijanaga ba ba neng ba gaeletswe. Bangwe ba ile ba tsewa ke metsi, fela go fitlha ga jaana ga gona ope o latlhetsweng ke botshelo.
“Baagi ba kopiwa go tsenya tirisong maano a tshireletso jaaka go sa fete mo tseleng e e tswetsweng ka ntlha ya metsi a mantsi. Pele ga o ka tsena mo metsi, ela tlhoko gore a boteng jwa ona bo bo kae. Fa o tla gaelelwa kwa molapong o tletseng metsi, dirisa maoto pele go ka tsamaya, gonne seo se tla go thusa gore o se bone dikgobalo mo tlhogong le mo mmeleng wa gago,” Myburgh wa tlhalosa.
Myburgh are fa go ka diragala gore o wele mo metsing, mme o se kgone go tswa, se tseya-tsege. Myburgh are baagi ba rotloediwa go efoga go nwa metsi ao.
“Dula o beile tlhogo ya gago kwa godimo ga metsi gore o se nwele, mme o rage-rage ka maoto ekare o kgweetsa biesekele. Dukulusa matsogo a gago ka nako e le nngwe. Itse gore go bokete go sapa mo metsing a bulegileng go feta jaaka o dira mo metsing a emeng jaaka mo swimming pool.
“Seo se raya gore o tla lapa ka bonako, mme seo se lebise kwa mathateng. Fa o sapa mo melapong kgotsa mo metsing a seretse, go tla nna thata go bona batho ba ba sapang kwa tlase ga metsi. Fa o sapa kwa lefelong le metsi a leng mantsi mo go lone kgotsa kwa bokopanelong jwa melapo, go bonolo gore o tsewe ke metsi,” Myburgh wa tlhalosa.