
Setshwantsho: Baagi ba ga metsi/Facebook
Ka OBAKENG MAJE
1 Phukwi 2026- Baagi ba ba farologaneng go ralala Taung, ba tlhotse ba gwantetse kwa dikantorong tsa setheo se se neelanang ka metsi sa Magalies Water mono Taung, mabapi le tlhokego ya metsi. Baagi ba, ba kaile fa ba tshimolotse go itemogela tlhokego ya metsi ka ngwaga wa 2021, fela puso e itshetse moriti o tsididi.
Go ya ka moeteledipele wa baagi, Pearl Nkonyana, ba tlhotse ba kopane le meiyara-khuduthamaga wa masepala wa sedika wa Dr Ruth Segomotsi Mompati go tla ka tharabololo mabapi le se. Nkonyana are kopano ya bone e nnile le maungo, ebile metsi a tswa mo di karolong dingwe tsa motse.
“Jaaka baagi, re itumetse gore metsi a be a tswa. Ke lobaka le le leele re ntse re itemogela tlhokego ya metsi. Masepala wa sedika wa Dr Ruth Segomotsi Mompati o tlhalositse fa tlhokego ya metsi e amilwe ke go tsenngwa ga dipeipe tse dintsha, fela re le baagi ga ise re tsamae re bone seo se direga.
“Mme pele ga moo, masepala one wa kaya fa tanka ya rona e sa tlhole e kgone go tlala. Ba tlhalositse fa tanka eo, e sa kgone go fitlhelela seelo se se rileng, mme seo se tlhola matsapa gore baagi botlhe ba fitlhelele metsi,” Nkonyana wa tlhalosa.
Nkonyana are fela se se makatsang ke gore, ba iponetse metsi fela morago ga kopano ya bone le bathati ba masepala. Are ba ka netefatsa gore peipe e e ntseng e na le mathata a go thubega ke e fa thoko ga sekolo sa Sebitlwane fela.
“Re dula re bolelelwa ka go senyega ga mafaratlhatlha metlha e fa re tshwanetswe gore re neelwe metsi. Re belaela fa tlhokego ya metsi e ka tswa e bakiwa ke mokgwa o wa go neela baagi metsi ka di tanka kgotsa water tankering.
“Ra itse bathati ba masepala ba ka se dumalane le ntlha e, ebile ba tla sireletsana, gonne ke baja-mmogo. Se sengwe se se makatsang ke gore, masepala o tlhalositse fa o setse o rekile ditanka tse dingwe tse dintsha. O beeletsa jang mo ditankeng, mme o re mafaratlhatlha a neelang baagi metsi a siame?” Nkonyana wa botsa.
Are tlhokego ya metsi e amile matshelo a bone. Nkonyana re go na le bagolo ba ba sa kgoneng go ya go ga metsi ka di kereibaye, gonne ba setse ba godile.
“Gape, go na le tulo nngwe mo thoko ga Mphothulo, kwa baagi ba gang metsi teng. Fa ke ne ke le foo, mme mongwe o mpoleletse fa a sa kgone go reka metsi, mme ke ka moo a gang metsi a nowang le ke di phologolo.
“Jaanaong, ekare re setse re tshelela mo nakong ya tlhaolele. Re ikuela go masepala go netefatsa fa re bona metsi ka metlha yotlhe, gonne metsi ke tshwanelo ya moagi mongwe le mongwe,” Nkonyana wa tlhalosa.
Kgabagare, majoro-khuduthamaga wa masepala wa sedika sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Motseokae Maje are: “Porojeke ya go isa metsi kwa motseng wa Khibitswane, e fedile. Re tlhotse re kopane le baagi, mme le bone ba iponetse gore madutelo a bone a pompile metsi go fitlha go diperesente di le 76 go fitlha ga jaana.
“Dikgaolo dingwe tsa motse di tsweletse go amogela metsi. Re ba tlhaloseditse gore re tlile go a pompa ka iketlo, gonne mafaratlhatlha ao, a lobaka a sena metsi. Kamoso re tlile go ya go tipa (disinfection) madutelo a kwa motseng wa Cokonyane, mme ka Labone, re ya go tipa a kwa Taung a a neelang baagi ba motse wa Ditshilong metsi.”
Maje are mo bekeng e e tlang, ba tla be ba tsenya tirisong dipeipe tse di isang metsi kwa Ditshilong. Are ba tlile go kopana le baagi ka Laboraro wa beke e e tlang go ba neela pegelo e feletseng.
“Baagi ba latofatsa bakgweetsi ba dilori tse di neelanang ka metsi ka go rekisa metsi ao. Fela ntlha eo, re ile ra kopa masepala o mogolwane wa Taung go samagana le yone gonne bakgweetsi bao ke badiri ba masepala o,” Maje wa tlhalosa.