Setlhopa sa Cameroon FC se ikgapela tonamente 


Ka REGINALD KANYANE 

18 Phatwe 2026 – Barulaganyi ba tonamente ya kgwele ya dinao e e neng e tshwaretswe kwa lebaleng la Mighty Boys FC kwa motseng wa Manthe, gaufi le Taung, ba re ba itumeletse thologelo e ba e boneng. Barulaganyi ba, ba ne ba tshwere tonamente ya ditlhopa di le robedi ya matsatsi a le mabedi. 

Mongwe wa barulaganyi, Charlie Ramonnye are balatedi ba kgwele ya dinao ba iponetse lobebe lwa kgwele ya dinao. Ramonnye are thologelo e ne e usa pelo, mme e tla rotloetsa batshameki go godisa talente ya bone. 

“Ke rata go leboga baagi botlhe ka bophara ba ba nnileng karolo mo tonamente e. Ntle le bone, re ka be re sa kgona go nna le tonamente e e atlegileng jaana. Ntlhakgolo ya tonamente e, ke go gopola bomme, gonne ke kgwedi ya bone e. Ntle le bomme ga gona tswelelo-pele. 

“Ke ka moo re batlang go romela molaetsa go bomme botlhe gore ba itse fa ba le botlhokwa ebile ra ba rata. Gape, re ikuela go borre go ka emisa ka tshotlakako go bomme le bana. Re kopa bomme botlhe ba ba itemogelang tshotlakako, ba buele kwa ntle gore ba thusiwe,” Ramonnye wa tlhalosa. 

Ramonnye gape o lebogile ditlhopa tsotlhe tse di neng di tshotse karolo mo tonamenteng e. Are setlhopa se se fentseng tonamente e, sa Cameroon FC sa kwa motsesetoropong wa kwa Pudimoe, se ikgapetse mausa-usa a diranta a lekana le R20 000, ga mmogo le dimetale tsa gauta di le 20. 

“Seo se akaretsa le sejana. Setlhopa se se latlhegetsweng kwa makgaola-kgannyeng sa Lovely Movers FC, se ikgapetse R10 000 le dimetale tsa selefera di le 20. Re itumeletse thologelo le bannaleseabe ka kakaretso. 

“Ke ikuela go balatedi ba kgwele ya dinao go netefatsa fa ba nna teng gape mo ngwageng o tlang,” Ramonnye wa tlhalosa. 

Motsamaisi wa setlhopa se se fentseng tonamente sa Cameroon FC, William Galetlhobogwe are: “Re motlotlo go tsholetsa sejana se, mme re leboga thata gore re be re fitlheletse mo re fitlheletseng teng morago ga matsapa. Tonamente e tsamaile sentle le fa re ne re sa itumelela ka mokgwa o moletsaphala a neng a tsamaisa motshameko wa rona ka teng letsatsi pele ga le. 

“Re nagana gore go na le fa a neng a re gatelela gone. Fela rona re ditau, re ile ra lwana go fitlha kwa makgaolakgannyeng le go a fenya.” 

Mokatisi wa setlhopa se se latlhegetsweng kwa makgaola-kgannyeng sa Lovely Movers FC, Jacob Tshilo are o ne a sa tla ka batshameki ba gagwe ba ba feletseng. Fela Tshilo are ba ne ba tshameka le setlhopa se se popota. 

“Basimanyana ba tshamikile ebile ke rona ba re neng re sireletsa sejana se. Re ne re tshameka le setlhopa se se popotsa, mme re tla leka gape mo ngwageng o tlang,” Tshilo wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com