
Ka OBAKENG MAJE
31 Diphalane 2026 – Sepodisi sa kwa Huhudi mono Vryburg, se batlisisa kgetsi ya go kgweetsa botlhatswa. Se, se tla morago ga gore sejanaga sa van sa mmala o moshweu se menoge kwa tsela-kgolo ya N18, dikilomitara di le 20 go tswa ka toropo ya Vryburg.
Go begwa fa van e, ene e pegile bapagami ba le 11. Tiragalo e, go begwa fa e diragetse ka Labotlhano.
Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Mokaptein Majang Skalkie are go begwa fa mokgweetsi a latlhegetswe ke taolo ya sejanaga, mme se ile sa menoga. Skalkie are bapagami ga mmogo le mokgweetsi (61) ba iponetse dikgobalo, mme ba rwaletswe kwa bookelong jo bo gaufi.
“Dipatlisiso di tsweletse,” ga rialo Skalkie.