
Setshwantsho: Nama ya kgomo e go belaelwang e utswitswe
Ka KEDIBONE MOLAETSI
10 Phukwi 2026 – Kgetsi kgatlhanong le banna ba le bararo ba dingwaga di le 21 le 42, e buseditswe morago ke kgotlhatshekelo ya Vryburg ka Laboraro. Se, se tla morago ga gore banna ba, ba tshwarwe ke batlhankela ba sepodisi ba lekala la K9 la kwa Vryburg mabapi le go tshola nama e go belaelwang fa e utswilwe.
Go ya ka sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Colonel Adele Myburgh, banna ba, ba ne ba emisiwa ke sepodisi kwa tselakgolo ya N18 magareng ga motse wa Dryharts le motsesetoropo wa Huhudi, kwa Vryburg. Myburgh are sepodisi se ile sa amogela tshedimosetso ya gore banna bangwe ba ba kgweetsang sejanaga sa modiro wa Uno Fiat ba pegile nama ya kgomo mo sejanageng sa bone, mme ba lebile kwa Vryburg.
“Batlhankela ba sepodisi ba ile ba tsiboga ka bonako, mme ba emisa sejanaga seo. Go begwa fa banna ba, ba ile ba shadikanya matlho fa ba bodiwa gore ba tsaya kae nama e kana-kana. Seo, se ile sa lebisa kwa go tshwarweng ga bone.
“Ba tlhageletse ka boripana kwa kgotlhatshekelo ya Vryburg mabapi le ditatofatso tsa go tshola nama e go belaelwang e ka tswa e utswitswe. Dipatlisiso tse di tseneletseng, di shupa fa go tlhabilwe dikgomo di le pedi kwa motsesetoropong wa Pudimoe mono Taung, ntle le kitso ya mong wa tsone,” Myburgh wa tlhalosa.
Myburgh are dipatlisiso di tsweletse le go bona gore a ka gongwe kgetsi e, e ka se amane le ya kwa Pudimoe.
Kgabagare, mokomishinara wa nakwana mono porofenseng ya Bokone Bophirima, Major General (Dr) Ryno Naidoo, o akgotse batlhankela ba sepodisi ka go tsiboga ka bonako. Naidoo are sepodisi se ikanne go lwa kgatlhanong le bogodu jwa leruo, mme ba tlile go dirisa lephata la bone la botlhodi go dira se.
“Re rotloetsa baagi go tswelela go itsise sepodisi mabapi le ditiragalo dingwe le dingwe tsa bosenyi. Tirisano mmogo magareng ga baagi le sepodisi e tshameka karolo e kgolo mo go rebeng bosenyi, mme seo se tlile go dira gore baagi ba sireletsege,” Naidoo wa tlhalosa.