Mosadi o tshwaretswe polao le maiteko a polao


Ka REGINALD KANYANE

10 Phukwi 2026 – Mosadi wa dingwaga di le 40 o solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Mmabatho mo letsatsing la gompieno mabapi le ditatofatso tsa polao le maiteko a polao. Go begwa fa mosadi o, a ile a tlhaba le go bolaya lekgarebe (36) la monna (43) wa gagwe ka thiba le go tlogela monna o, ka dikgobalo tse di masisi.

Sebueledi sa sepodisi kwa sedikeng sa Ngaka Modiri Molema, Sarasanta Sipho Taliwe are go begwa fa monna wa mosadi o, a ile a tla le lekgarebe kwa lefelong la bone la bonno kwa motseng wa Ikopeleng, gaufi le Ramatlabama kwa Mahikeng ka masa a 7 Phukwi 2026. Taliwe are go begwa fa bana ba le babedi ba monna o, ba ne ba le teng mo ntlung fa tse tsotlhe di direga.

“Go begwa fa ba ile ba letsetsa mmabone le go mo itsise fa rrabone a tlile le lekgarebe. Go begwa fa mosadi o, a sa dule kgakajana le ba lelapa la gagwe. Go begwa fa seo se ile sa tshakgatsa mosadi o, mme a tla a tshotse thipa.

“Go begwa fa mosadi o, a ile a fetela kwa phaphosing ya borobalo kwa a fitlhetseng monna wa gagwe le lekgarebe le ba robetse. Go begwa fa a ile a tsatsanka lekgarebe le ka thipa le go tlhasela monna wa gagwe,” Taliwe wa tlhalosa.

Taliwe are go begwa fa lekgarebe le, le ile la leka go tshaba, mme a wela kwa ntlenyana ga ntlo kwa mmileng kwa a tlhokafaletseng gone. Taliwe are go begwa fa monna wa mosadi o, a ne a rwalelwa kwa bookelong go bona thuso ya potlako.      

“Sepodisi se ne sa bidiwa le go tshwara mosadi o. O solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo mabapi le ditatofatso tsa polao le maiteko a polao,” Taliwe wa tlhalosa.

Kgabagare, mokomishinara wa nama o sa tshwere wa sedika sa Ngaka Modiri Molema, Brigadier (Adv) Bigboy Dube o kgadile ka bogale tiragalo e, mme o akgotse sepodisi ka go tshwara mmelaelwa. Dube o ikuela go baagi go rarabolola mathata a bone ka kagiso ntle le dikgogakgogano.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.