
Setshwantsho: Konsetabole Nicolas Motlhankane
Ka OBAKENG MAJE
10 Phukwi 2026 – Lepodisi la mono Taung le le faraferweng ke mathata, Konstabole Nicolas Motlhankane (29), o solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Taung fa kgwedi ya Ngwanatsele a tlhola matsatsi a le 30, mabapi le ditatofatso tsa go kgwetsa a itshietse. Motlhankane gape o lebagane le kgetsi ya go utswa leruo.
Sebueledi sa sepodisi mono porofenseng ya Bokone Bophirima, Colonel Adele Myburgh are gape sepodisi se ile sa tsenya kopo ya go ya go puruputsha lefelo-bonno la ga Motlhankane kwa Extension 7, mono Taung fa kgwedi ya Seetebosigo e ne e tlhola matsatsi a le 15, mo motshegareng. Myburgh are se, se tla morago ga gore sepodisi se amogele tshedimosetso ya gore go na le didokete tsa sepodisi kwa lefelo-bonno la ga Motlhankane.
“Sepodisi se fitlheletse dokete e le nngwe kwa lefelo-bonno jo, mme kgetsi kgatlhanong le Motlhankane e isitswe kwa lephateng la bosekisi go ka e sekaseka le go tsaya tshwetso ya go mo sekisa kgotsa jang.
“Motlhankane one a na le mopalami wa motho wa mme fa a ne a tshwarelwa go kgweetsa o itshietse. Sejanaga se a neng a tsamaya ka sone ga se amege mo bosenying bope go fitlha ga jaana,” Myburgh wa tlhalosa.