Monna o thudilwe ke sejanaga gaufi le RnR mono Taung


Ka OBAKENG MAJE

4 Phukwi 2026 – Monna wa dingwaga di le 39 wa kwa motseng wa Nommer 1, mono Taung, o tlhokafetse morago ga go thulwa ke sejanaga mo mmileng wa R372 o golaganyang Taung le Reivilo. Go begwa fa tiragalo e, e le ya Lamatlhatso o o fetileng, mme e diragetse gaufi le lefelo la borobasogo la RnR.

Go begwa fa moswi, Monnapula Klaas Mosalaesi a ne a tswa phitlhong kwa motseng wa Buxton fa kotsi e ne e direga. Go ya ka dipego, Mosalaesi o ne a thulwa ke sejanaga, mme a gatakakiwa ke tse dingwe tse di neng di sa mo bone.

Go begwa fa sepodisi le badiri ba potlako, ba ile ba bilediwa kwa lefelong la tiragalo. Ba lekala la forensiki ba ile ba tsaya setopo sa ga Mosalaesi, mme ba se isa kwa mmoshareng kwa Vryburg.

Go begwa fa ba lelapa la gagwe ba ile ba bula kgetsi ya motho o timetseng morago ga gore Mosalaesi a se boele gae. Fela, go begwa fa ba ne ba itsisiwe go sa le gale mo bekeng eno ka loso la morwa wa bone.

Mosalaesi o tla fitlhwa ka 11 Phukwi 2026, kwa motseng wa Nommer 1, mono Taung.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.