Monna o bolailwe ka go thuntshiwa mono Taung


Ka OBAKENG MAJE

5 Phukwi 2026 – Monna wa dingwaga di le 48 o thuntsitswe le go bolawa mono Taung. Go begwa moswi, James Chipeta a ne a kgorogelwa ke banna ba le bararo ba ba sa itsiweng ba ba neng ba rwele bomamatlhwana fa a ne a tsamaya le mosadi wa gagwe gaufi le seporo sa terena magareng ga toropo ya Taung le motse wa Matolong ka Labotlhano bosigo.

Sebueledi sa sepodisi mono porofenseng ya Bokone Bophirima, Mokaptein Majang Skalkie are go begwa fa banna ba, ba ne ba tlhasela bobedi jo. Skalkie o bega fa Chipeta a ile a leka go iphemela kgatlhanong le banna ba, mme mongwe wa babelaelwa, o ne a ntsha sethunya le go mo thuntsha.

“Sepodisi se ile sa bilediwa kwa lefelong la tiragalo, mme ba ile ba fitlhela moswi ka dintho tsa go thuntshiwa. Moswi o ile a tlhalosiwa fa a tlhokafetse.

“Ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana. Fela sepodisi se boloditse dipatlisiso. Sepodisi se ikuela go mongwe le mongwe o a ka thusang ka tshedimosetso e e tla lebisang kwa go tshwarweng ga babelaelwa go ka ikgolaganya le mobatlisisi wa kgetsi, Detective Sergeant Tebogo Monchwe, mo dinomoreng tsa mogala tsa 082 469 0332, kgotsa a ka letsetsa sepodisi go SAPS Crime Stop number 08600 10111,” Skalkie wa tlhalosa.

Skalkie are moneela tshedimosetso fa a batla go nna tlhokaina, a ka dira jalo go MySAPS mobile application.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.