Monna o bolailwe ka go tlhabiwa mo toropong ya Taung


Ka OBAKENG MAJE 

Monna wa dingwaga di le 22 o tlhabilwe le go bolawa, gaufi le seporo sa terena kwa toropong ya Taung mo letsatsing la Tshipi. Go begwa fa moswi, Charlie Manopole wa kwa motseng wa Mokassa, a ne a eme le tsala ya gagwe fa a ne a tlhaselwa ke setlhotshwana sa batho ba ba neng ba tshwere digalapane. 

Go ya ka dipego, monna o, one a latofadiwa ka go kgothosa mongwe wa banna ba ba kukunelang batho ka setsaya-ditshwantsho tse di emeng (camera). Go begwa fa motsaya-ditshwantsho o, ane a lemoga moswi ka jerese e aneng a e apere gore ke ene o oneng a mo tshwera poo mo matsatsing a go feta. 

Go begwa fa morutshu o, o tshimolotse kwa tikwatikweng ya Taung, kwa moswi a ile a tlhabiwang teng. Fela, one a kgona go siela kwa ntlheng ya seporo sa terena, kwa go begwang fa a ileng a tlhokafalela teng. 

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are: “Ke nnete sepodisi se ile sa begelwa ka tiragalo e. Moswi one a kgorogelwa ke setlhotshwana sa batho, mme one a tlhabiwa mo mmeleng. Go fitlha ga jaana, ga go ope o tshwerweng, mme kgetsi ya polao e butswe fa dipatlisiso le tsone di tsweletse.” 

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.