Motsamaya ka dinao o tlhokafetse morago ga go thulwa ke sejanaga


Ka OBAKENG MAJE

1 Lwetse 2026 – Sepodisi sa Taung se butse kgetsi ya polao ntle le maikaelelo. Se, se tla morago ga gore motsamaya ka dinao a thulwe ke sejanaga gaufi le Taung Agricultural College mo letsatsing la maabane.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are go fitlha ga jaana, leina le dingwaga tsa moswi ga se di itsisiwe. Van Rooyen are go botsha fa moswi a ne a leka go kgabaganya tsela fa a ne a thulwa ke sejanaga.

“Dipatlisiso di a tswelela,” van Rooyen wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Lekgarebe le tlhokofetse morago ga go thulwa ke sejanaga


Ka OBAKENG MAJE

30 Seetebosigo 2025- Sepodisi sa Taung se butse kgetsi ya polao ntle le maikaelelo. Se, se tla morago ga gore Oratile Chwao (22), a thulwe ke sejanaga kwa motseng wa Cokonyane, gaufi le Taung. Sepodisi se bega fa Chwao a ne a kgabaganya tsela fa a ka thulwa ke sejanaga.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Brigadier Sabata Mokgwabone are: “Go begwa fa moswi a ile a tlhokafalela kwa lefelong la tiragalo. Ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana.

“Fela dipatlisiso di tsweletse mo morerong o.”

taungdailynews@gmail.com