
Ka OBAKENG MAJE
28 Diphalane 2026 – Sepodisi sa Taung se batlisisa kgetsi ya polao ntle le maikaelelo morago ga go tlhokafala ga mosadimogolo wa dingwaga di le 79. Se, se tla morago ga gore sejanaga sa setlamo sa South African Social Security Agency (SASSA), se se neng se tsamaisa bagodi go ya kwa moletlong o neng o rulagantswe ke SASSA, se amege mo kotsing mo tseleng ya R372 e magareng ga Taung le Reivilo.
Go begwa fa kotsi e, e diragetse gaufi le motse wa Letlhapong mono Taung ka di 22 Diphalane 2026.
Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, sejanaga seo sa SASSA, se ne se lebile kwa motseng wa Vaaltyn fa kotsi e ne e diragala. Van Rooyen are go begwa fa mokgweetsi wa sejanaga seo, a latlhegetswe ke taolo mme sa menoga.
“Mokgweetsi ga mmogo le bapagami, ba bone dikgobalo mme ba ile ba rwalelwa kwa bookelo jo bo gaufi. Fela ka maswabi, mopagami wa dingwaga di le 79 o ile a latlhegelwa ke botshelo. Dipatlisiso di tsweletse mabapi le go netefatsa se se tlhodileng kotsi e,” van Rooyen wa tlhalosa.

Kgabagare, sebueledi sa SASSA mono porofeseng ya Bokone Bophirima, Nthabiseng Mosieleng are bapagami ba le 6 ba ile ba amogelwa kwa bookelong. Mosieleng are bagodi ba, ba ne ba isiwa kwa motseng wa Vaaltyn go ya go tsenela Outreach programme e e neng e rulagantswe ke SASSA.
“Sebakwa sa kotsi ga se itsiwe, mme e tla nna karolo ya dipatlisiso. SASSA e tla dirisana le sepodisi mo dipatlisisong tse di boloditsweng. Jaaka SASSA, re romela molaetsa wa matshidiso go ba malapa a botlhe ba ba amegileng, mme re eleletsa ba ba gobetseng pholo ya ka bonako. Go ba ba latlhegetsweng, ra re a Modimo a ba sedile maikutlo,” ga rialo Mosieleng.