
Ka OBAKENG MAJE
13 Diphalane 2026 – Monna wa dingwaga di le 25 o tlhageletse kwa Kgotlatshekelo ya Schweizer Reneke mabapi le polao ya ga Atlholang Theteletsa wa dingwaga di le 22, yo o neng a fitlhelwa a bolailwe ka go tlhabiwa ka thipa kwa motsesetoropong wa Ipelegeng ka Labotlhano maitseboa. Tshepang Letebele o tlhageletse kwa kgotlatshekelo ka di 12 Diphalane 2026, mme o lebane le tatofatso ya polao.
Kgetsi ya gagwe e buseditswe morago go fitlha 29 Diphalane 2026, gore a dire kopo ya semmuso ya beile. Theteletsa o ne a fitlhelwa a na le dintho di le dintsi tsa go tlhabiwa ka thipa, mme a rapaletse mo mmileng wa Kgaka kwa Ipelegeng morago ga ura ya borobedi maitseboa ka di 9 Diphalane 2026.
Go ya ka sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Saresanta Kelebogile Morake, ba ditirelo tsa tshoganyetso ba ile ba netefatsa fa a tlhokafaletse kwa lefelong la tiragalo. Morake are mapodisi a ne a biletswa kwa lefelong la tiragalo, kwa motswasetlhabelo a neng a fitlhelwa a na le dintho di le dintsi tsa go tlhabiwa ka thipa.
“Go ne ga totobadiwa fa a tlhokafaletse mo lefelong leo. Letebele o ne a tshwarwa ka Lamatlhatso ke maloko a Community Police Forum ya Ipelegeng (CPF) kwa lebenkeleng le legolo ko toropong ya Schweizer Reneke.
“Mapodisi a re maemo a a dikologileng polao eno ga a ise a tlhaloganyesege, mme dipatlisiso di sa ntse di tsweletse,” Morake wa tlhalosa.