Kgetsi ya kgothoso le maiteko a polao e buseditswe morago


OBAKENG MAJE 

3 Ngwanatsele 2026 – Kgetsi ya maiteko a polao le kgothoso o tlhometse kgatlhanong le balatofadiwa ba le bane e leng Alex Phimdile Nomngcayi (29), Mothoka Godfrey Mathipa (56), Mokhema Jan Maishone (53) le Thabo Thomas Motlhonglong (27), e buseditswe morago go fitlha 13 Ngwanatsele 2026. Go begwa fa molatofadiwa (26) wa botlhano a fetogile paki ya puso. 

Nomngcayi, Mathipa, Maishone ga mmogo le Motlhonglong ba buseditswe gape kwa ntlolefitshwana. Go begwa fa banna ba, ba ile ba tshwarwa morago ga go golaganngwa le tiragalo ya kgothoso e e tshotseng karolo kwa polaising nngwe kwa Syferfontein, Ventersdorp fa kgwedi ya Diphalane e ne e tlhola matsatsi a le 28.  

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Colonel Adele Myburgh, banna ba, ba ile ba itelekela kwa polasing eo, mme ba fitlhela modiri mongwe. Myburgh are go begwa fa ba ile ba mo dira motshwarakananyo, le go mo bofa. 

“Go begwa fa ba ile ba emela mong wa polasi e leng Donovan Marx (50). Go begwa fa ba ile ba mo kgorogela le go mo thuntsa pele ga ba ka mo bofa. Go begwa fa banna ba, ba ile ba segolola ditsebe tsa ga Marx pele ba inaya naga ka dithunya tsa gagwe ga mmogo le sejanaga. 

“Makala a farologaneng a sepodisi a ne a bolotsa letsholo-patlo. Ba ile ba tshwara balatofadiwa ba le babedi pele ga ba ka tshwara ba le bararo kwa motsesetoropong wa Promosa kwa Potchefstroom. Batlhankela ba sepodisi ba ile ba fitlhela dithunya di le nne tse go belaelwang fa di dirisitswe mo kgothosong eo,” ga rialo Myburgh. 

Fa go ntse jalo, Mokomišenara wa Sepodisi mono Bokone Bophirima, Lieutenant General Arthur Adams, o amogetse ka diatla tsopedi go tshwarwa ga babelaelwa bano, le go akgola mapodisi a Lephata la Bopatlisisi la Ventersdorp le Yuniti ya Porofense ya go Lwantsha Digongwana tsa Bosenyi ka boineelo jwa bone, go dira bosigo jotlhe le go dirisana mmogo mo maitekong a go batla le go tshwara batho ba ba amegang mo bosenying jono. Adams o rile go tshwarwa ga babelaelwa bano, go supa boikemisetso jwa maloko a mapodisi jwa go netefatsa gore batho ba ba dirang bosenyi kgatlhanong le maloko a setšhaba ba lebisiwa kwa tshiamisong.

“Re akgola setlhopha sa babatlisisi se se eteletsweng pele ke Captain Bonita Dry ka boitshoko le boikemisetso jwa sone jwa go sala morago tshedimosetso le matshwao a a bonweng le go tshwarwa ga babelaelwa ba bangwe le go bonwa ga dithunya mmogo le dilo tse dingwe tse di ka dirisiwang jaaka bosupi.

“Babelaelwa ba batlhano, ba tlhageletse kwa kgotlhatshekelo go lebana le ditatofatso tsa kgothoso o tlhometse le maiteko a polao ga mmogo le go nna le dithunya le dikolo tse di seng ka fa molaong,” o buile jalo Adams.

taungdailynews@gmail.com