Mokomishinara wa sepodisi mono Bokone Bophirima o tla bua le babega-dikgang morago ga go tlhokafala ga baepi ba ba seng mo molaong ba 14 kwa Marikana


Setshwantsho-papiso: Baepi ba ba seng mo molaong ba tlhokofetse

Ka REGINALD KANYANE

11 Phatwe 2026 – Mokomishinara wa sepodisi mono porofenseng ya Bokone Bophirima, Lieutenant General Arthur Adams o solofetswe go ama babega-dikgang ka lefoko mabapi le go tlhokafala ga baepi ba le 14 ba ba seng mo molaong kwa lefelong la go latlhela matlakala kwa Nkaneng kwa Marikana, gaufi le Rustenburg. Se, se tla morago ga gore baepi ba, ba fitlhelwe ba tlhokafetse kwa lefelong leo morago ga go welwa ke leje ka letsatsi la Moshupulogo.

Sebueledi sa sepodisi mono porofenseng ya Bokone Bophirima, Colonel Adele Myburgh are bontsi jwa baepi ba, ke ba kwa nageng ya Lesotho. Myburgh are baepi ba le robedi ba amogetswe kwa bookelong ka dikgobalo tse di masisi, fa bangwe ba baepi ba, ba gaeletswe kwa tlase ga moepo.

“Sepodisi se kwa lefelong la tiragalo, mme dipatlisiso di tsweletse,” Myburgh wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com