
Ka OBAKENG MAJE
12 Diphalane 2026 – Batho ba batlhano ba ba belaelwang go dira le go rekisa diritibatsi tse di seng mo molaong ba tshwanetse go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Krugersdorp morago ga go tshwarwa mo bekeng e e fetileng, fa sepodisi se sena go ribolola laboratori e e seng mo molaong ya go dira diritibatshi kwa polaseng kwa Hekpoort, gaufi le Krugersdorp, kwa Gauteng.
Laboratori eno ya sephiri ya go dira diritibatsi e fopholediwa go nna le boleng jwa diranta di le dimilione di le 100. Go ya ka sebueledi sa di Hawks, Colonel Katlego Mogale, laboratori eno e ribolotswe ka tiro ya kopanelo ya ditheo tse di farologaneng tsa sepodisi.
“Tiro eno e ne e eteletswe pele ke South African Narcotics Bureau ya Hawks, ka tirisano le SAPS Head Office Crime Intelligence, Special Task Force le West Rand K-9 Unit.
“Ka nako ya tiro eno, mapodisi a ribolotse bontsi jwa diritibatsi tsa Mandrax le tsa ecstasy kwa laboratori e go belaelwang gore e ne e dirisediwa go dira diokobatsi,
“Banna bano ba batlhano, botlhe e le baagi ba Aforika Borwa, ba ba fitlhetsweng mo lefelong leo, ba tla lebana le melato ya go dira le go rekisa diritibatsi tse di seng mo molaong,” Mogale wa tlhalosa.