Lebitla la molwela kgololosego, Dr Ruth Segomotsi Mompati ke karolo ya histori


Setshwantsho: Lebitla la molwela kgololosego, Dr Ruth Segomotsi Mompati

Ka BAKANG MOKOTO

10 Diphalane 2026 – Molwela kgololosego le seaparankwe o hulereng wa lekoko la ANC, Dr Ruth Segomotsi Mompati, o tsetswe ka di 14 Lwetse 1925 kwa motseng wa Ganyesa, gaufi le Vryburg mono porofenseng ya Bokone Bophirima. Mama Ruta jaaka a ne a itsege, e ne e le morwadia Seli Seichoko, mme rraagwe e ne e le Gaonyatse Seichoko.

O ne a nna kwa Vryburg mono porofenseng ya Bokone Bophirima go fitlha a fetsa mophato wa gagw wa 6. Fa a sena go fetsa mophato wa 6, o ne a tshwanelwa ke go bereka ngwaga o le mongwe kwa Vryburg pele ga a ka ya kholetšheng.

Mama Ruta o ne a berekela lelapa la batho basweu, a tlhokomela ngwana wa bone ka gonne rraagwe o ne a tlhokafetse a na le dingwaga di le 14, mme mmaagwe o ne a se na madi a a lekaneng go ka mo romela kwa kholetšheng. Moragonyana, o ne a tsenela kholetšhe ya katiso ya barutabana kwa Tygerkloof.

O ne a aloga ka setlankana sa borutabana sa sekolo se sepotlana ka 1944. Morago ga moo, o ne a ya go ruta kwa motseng wa Dithakwaneng, o o neng o le bokgakala jwa dimaele di ka nna 35 go tswa kwa Vryburg.

Mama Ruta o ne a tlogela Dithakwaneng morago ga dingwaga di le tharo. Ka 1948, mmaagwe o ne a sa itekanela sentle, mme Mma Ruta o ne a swetsa go tsaya tiro ya borutabana kwa sekolong sa Vryburg Higher Primary.

Ene e le leloko la mokgatlho wa baithuti kwa Tygerberg, gammogo le leloko la mokgatlho wa barutabana wa kgaolo ya Bokone Bophirima. Ka nako eo, dikgang tse di neng di le botlhokwa e ne e le maemo a tiro a barutabana, dituelo tsa bone le didirisiwa tsa go ruta tse dikolo di neng di di tlhoka.

Ka Moranang 1952, go begwa fa Mama Ruta a ne a nyalwa. Monna wa gagwe e ne e le setlogolo sa ga Moruti Mogorosi, yo e neng e le moruti wa LMSC kwa Ganyesa.

O ne a tswa kwa Vryburg, mme a ya go nna le matsalaagwe kwa Johannesburg. Gape o ne a tlogela tiro ya borutabana. O ne a ikwadisa kwa sekolong sa poraefete go ithuta go kwala ka mokgwa wa shorthand le go thaepa.

Morago ga moo, moagisani wa gagwe, Mme Njiwa, yo o neng a bereka kwa femeng ya molao ya balwela kgololosego e leng Dr Nelson Mandela le Dr Oliver Tambo, o ne a batla go ya go ithutela bongaka. Fa moagisani wa gagwe a tlogela femeng eo ya molao, Mama Ruta o ne a dira kopo ya tiro, mme a thapiwa.

Monna wa ga Mama Ruta, e ne e le leloko la African National Congress (ANC).

Go tloga ka 1953 go fitlha ka 1961, o ne a bereka e le mokwaledi wa go thaepa ditlankana kwa femeng ya molao ya ga Mandela le Tambo kwa Johannesburg.

Ka 1954, o ne a nna leloko la ANC, mme a tlhophiwa go nna leloko la komiti khuduthamaga ya bosetšhaba ya lekgotla la basadi la ANC. Mompati o ne a nna le seabe mo letsholong la go gana melao e e gatelelang (Defiance Campaign) ka 1952, mme ka 1954 a nna mongwe wa bathei ba Federation of South African Women (FEDSAW), e leng mokgatlho wa basadi wa Aforika Borwa. Moragonyana, o ne a nna mongwe wa baeteledipele ba mogwanto wa basadi wa go ya kwa Pretoria ka la 9 Phatwe 1956.

Ka 1962, o ne a ya botshabelo kwa nageng ya kwa ntle, kwa a neng a ropisetswa sesole gone. O ne a dira tiro ya mokwaledi le go etelela pele karolo ya basadi ya ANC kwa Tanzania. Go tloga ka 1966 go fitlha ka 1973, Mompati o ne a tswelela e le leloko la Lekgotla la Khuduthamaga ya Bosetšhaba la ANC.

Ka nako eo, gape o ne a nna karolo ya ofisi ya moporesidente wa ANC.

Nngwe ya dikarolo tse di botlhokwa tse Mompati a neng a di tshameka e ne e le go etelela pele Boto ya Merero ya Bodumedi ya ANC.

Magareng ga 1981 le 1982, Mompati o ne a direla e le moemedi yo mogolo wa ANC kwa United Kingdom. Gape o ne a nna karolo ya moifo o o neng wa simolola dipuisano le puso ya Aforika Borwa kwa Groote Schuur ka 1990.

Ka la 10 Phatwe 1992, letsatsi morago ga segopotso sa mogwanto wa basadi wa 1956, o ne a bua kwa komiting e e kgethegileng ya ditšhaba tse di kopaneng e e ganetsang tlhaolele kwa New York, kwa a neng a bua ka dikgang tsa basadi. Letsatsi leo le ne la tlhomiwa go nna letsatsi la boditšhabatšhaba la kutlwano le basadi ba Aforika Borwa.

Ka 1994, o ne a tlhophiwa go nna leloko la Palamente mo Ntlong ya Kokoano ya Bosetšhaba. Ka 1996, o ne a tlhomiwa go nna moemedi wa Aforika Borwa kwa Switzerland, maemo a a neng a a tshwere go fitlha ka 2000.

Fa a boa, o ne a nna matoropo wa Vryburg, kwa masepaleng wa Selegae wa Naledi, mono porofenseng ya Bokone Bophirima. Mama Ruta o tlhokafetse ka la 12 Motsheganong 2015, kwa bookelong kwa Cape Town, kwa a neng a alafiwa morago ga bolwetse jo bokhutsane. O tlhokafetse a le dingwaga di le 89.

Puso ya porofense ya Bokone Bophirima le mafapha a puso ya bosetšhaba a tlotlile boswa jwa ga Dr Ruth Segomotsi Mompati, yo e neng e le mogale wa ntwa kgatlhanong le tlhaolele, ka diporojeke tsa go boloka boswa jwa gagwe kwa Vryburg le Tlapeng. Le fa lefelo la gagwe la phitlho le sa fetolwa go nna lefelo le le ikemetseng la hisitori, le etelwa go isa ditlotlo le go mo gopola.

Lefapha la Botsweletshi, Setso, Metshameko le Boitapoloso (ACSR) mono porofenseng ya Bokone Bophirima, le ne la itsise ka maano a go fetola ntlo ya pele ya ga Mama Ruth kwa Vryburg go nna musiamo o o tla bolokang hisitori ya gagwe le boswa jwa gagwe. Laeborari ya baagi, e e nang le bogolo jwa dimetara tsa disekwere di le 204, e ne ya bulwa ka la 13 Lwetse 2023 kwa sekolong sa pele sa ga Mompati, Raditshane Secondary School, kwa motseng wa Tlapeng, gaufi le Ganyesa.

Laeborari eno, e tlotla boineelo jwa gagwe jwa botshelo jotlhe mo thutong le mo ntweng ya kgololesego. Serapa sa boikhutso se se mo gare ga Vryburg se ne sa reelelwa ka ene, mme sa kgabisiwa ka sefikantswe sa gagwe sa sehuba le setshwantsho, mme se ne sa senolwa ke baeteledipele ba porofense.

Baeteledipele, go akaretsa Moporesidente Cyril Ramaphosa le maloko a khuduthamaga ya porofense (MECs), ba ne ba etela lebitla la gagwe go baya dikgare ka nako ya ditiragalo tsa Letsatsi la Basadi la Bosetšhaba le Kgwedi ya Boswa. Ruth Segomotsi Mompati Foundation, ka tirisanommogo le Lefapha la Bokone Bophirima la Botsweretshi, Setso, Metshameko le Boitapoloso (ACSR), e tshwera loeto lwa ngwaga le ngwaga lwa go gopola mogale wa ntwa ya kgololesego yono. Loeto lono lwa ngwaga le ngwaga, lo lo tshwarwang ka nako ya letsatsi la matsalo la ga Mama Ruth Mompati, lo ikaeletse go tlotla le go keteka boswa jwa gagwe.

taungdailynews@gmail.com