
Setshwantsho: Sekolo se segolwane sa Milner
Ka OBAKENG MAJE
6 Phukwi 2026 – Lefapha la Thuto mono Bokone Bophirima le ganeditse ditatofatso tsa gore sekolo se segolwane sa Milner kwa Klerksdorp se a poka. Se, se tla morago ga ditatofatso tsa gore baithuti bangwe ba shupe fa ba bone sepoko kwa diphaphosi-bonno (hostels) morago ga go tlhokafala ga moithuti mongwe dingwaga tse di fetileng.
Ga jaana, baithuti ba marematlou go tswa kwa dikolong tse di farologaneng, ba tsenetse dikampa tsa maretlou kwa lefelong leo. Go begwa fa kgwedi ya Phukwi e rogwa, bontsi jwa baithuti ba ile ba tlhakatlhakana, go goeletsa le go nna le letshogophetelela (hysteria).
Sebueledi sa Lefapha La Thuto mono Bokone Bophirima, Vuyo Manthsule are seo se ile sa baka tlhakatlhakano. Mantshule are batsadi ba baithuti ba, ba ile ba bidiwa ga mmogo le badiri ba thuso ya potlako.
“Badiri ba thuso ya potlako, ba ile ba lekola moithuti a le mongwe fela, o go neng go botsha a nnile le letshogo. Fela moithuti o, o ile a tlhalosiwa fa a siame morago ga go tlhatlhobiwa. Dithuto di ile tsa tswelela ntle le matshosetsi ape.
“Bagokgo ba dikolo di le pedi tse baithuti ba tsone e leng karolo ya dikampa tse, ba ile ba bidiwa le go buisana le bathuti ba. Motsamaisi wa diphaphosi tsa bodulo o ile a ikuela go baithuti go se ise dipelo mafisa, gonne dikgang tse e se tsa boammaruri,” Mantshule wa tlhalosa.
Mantshule are seemo se ile sa boela sekeng, mme dithuto di ile tsa tswelela jaaka go ne go rulagantswe. Mantshule are morago ga dipatlisiso tse di tseneletseng, go ile ga fitlhelelwa fa baithuti bangwe ba ne ba bonwa ke motlhokomedi ba tsuba matokwane pele ga tiragalo e.
“Baithuti bao ga ba itsiwe gonne ba ne ba sa apara diaparo tsa sekolo ebile nako e le ya lefitshwana. Bontsi jwa batsadi bo ile jwa itelekela jwa sekolong se morago ga go bona dikgang tse mo metsweding e farologaneng ya boitapoloso. Ba ile ba nna le tshono ya go lekola bonno jo, le go bona bana ba bone.
“Batsadi ba ile ba itumelela seemo sa bonno jo, mme ba kopa lefapha go tswelela ka dikampa tse. Re tla tlhalosa gore se, ene e le kgomo ya mmopa e e bopilweng ke baithuti bangwe ba ba kgatlhanong le dikampa tse,” Manthsule wa tlhalosa.