
Ka OBAKENG MAJE
1 Ngwanatsele 2026 – Sepodisi mono Taung se batlisisa kgetsi ya go nwela kwa letamong. Go begwa fa monna wa dingwaga di le 25, a nwetse kwa motseng wa Maphoitsile, gaufi le Taung fa kgwedi ya Diphalane 2026, e ne e tlhola matsatsi a le 31.
Sebueledi sa sepodisi mono porofenseng ya Bokone Bophirima, mokaptein Majang Skalkie are go ya ka dipatlisiso tsa go sale gale, moswi o ne a bonwa a tabogetse kwa letamong. Skalkie are monna mongwe wa mo motseng, e ne ya re go lemoga seo, o ne a mo sala morago.
“O ile a mo fitlhela a tsena mo letamong, mme o ne a leka go mo pholosa ka go mo neela legong gore a itshwarelele ka lone.
“Fela go begwa fa a ile a nwela pele ga a ka thusega. Kgetsi ya morago ga loso e butswe, mme dipatlisiso di tsweletse,” ga rialo Skalkie.