Monna o kolopetswe dingwaga di le 15 kwa ntlo-lefitshwana


Ka BAKANG MOKOTO

20 Phukwi 2026 – Monna wa dingwaga di le 45 o kolopetswe dingwaga di le 15 kwa ntlo-lefitshwana ke kgotlhatshekelo ya sedika ya Madikwe mabapi le ditatofatso tsa maiteko a polao ya lesea la gagwe la dikgwedi di le 10. Go begwa fa go ile ga tsoga kgakgauthano ya mafoko magareng ga rragwe lesea le, le mmagwe kwa motseng wa Tlokweng, gaufi le Madikwe fa kgwedi ya Ferikgong e ne e tlhola matsatsi a le 4 ka ngwaga wa 2024.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mono porofenseng ya Bokone Bophirima, Colonel Adéle Myburgh, monna o, o ile a tsaya lesea le mme a le latlhela fa fatshe ka motsi wa kgakgauthano. Myburgh are mmagwe lekgarebe le, one a ntewa ka thobane ke rragwe lesea fa a ne a leka go tsereganya le go sireletsa lesea le.

“Le fa lesea le sa tswa dikgobalo ka motsi o, maiteko a ga rragwe a ne a bontsha a le kotsi. Ke ka moo a ile a bulelwa kgetsi ya maiteko a polao. Go begwa fa mosadimogolo (69) o, a ile a itemogela go robega ga matsogo a le mabedi morago ga se.

“Go begwa fa monna o, a ile a tshwarwa morago ga matsatsi a le mabedi. Monna o, ga ipona molato mo ditatofatsong tsotlhe di le pedi, fela bosekisi bo ile jwa neelana ka bopaki jo bo tseneletseng kgatlhanong le ene,” Myburgh wa tlhalosa.

Myburgh are monna o, o kailwe fa a sa tshwanelwa ke go tsholo sethunya. Myburgh are gape monna o, o ile a atlholelwa dingwaga di le supa mabapi le go teketa mosadimogolo ka maikaelelo a go ntsha dikgobalo.

Kgabagare, mokomishinara wa sepodisi wa nama-o-sa-tshwere mono porofenseng ya Bokone Bophirima, Major General (Dr) Ryno Naidoo, o akgotse mmatlisisi wa kgetsi e, Detective Sergeant McDonald Mosekwane go tswa kwa kantorong ya babatlisisi kwa Madikwe. Gape, Naidoo o akgotse mosekisi Advocate Zola Mpayipheli ga mmogo le batsaya karolo botlhe.

“Se, se tla romela molaetsa o gagametseng go botlhe ba ba diragang bosenyi kgatlhanong le bana le basadi,” Naidoo wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.