Mosetsanyana o tlhokafetse kwa Magogong


Setshwantsho: Mosetsanyana o tlhokafetse kwa Magogong/Facebook

Ka OBAKENG MAJE

10 Seetebosigo 2026 – Sepodisi mono Taung se batlisisa kgetsi ya morago ga loso. Se, se tla morago ga go tlhokafala ga mosetsanyana wa dingwaga di le tlhano kwa Diplankeng kwa motseng wa Magogong mono Taung mo letsatsing la maabane.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are go begwa fa moswi a ile a ngongorega ka matlho a botlhoko, mme ba lelapa ba ile ba mo tshela molemo wa matlho. Van Rooyen are go bontsha fa seemo sa gagwe sa pholo se ile sa etegela, mme go ile ga bidiwa batlankela ba thuso ya potlako.

“Batlhankela ba thuso ya potlako ba ile ba tlhalosa fa mosetsanyana a setse a tlhokafetse. Kgetsi ya morago loso e ile ya bulwa, mme go fitlha ga jaana, sepodisi se ka se netefatse gore sebakwa sa loso ke eng. Dipaltisiso mo kgetsing e, di a tswelela,” van Rooyen wa tlhalosa.

Kgabagare, van Rooyen ga netefatsa dipego tse di sa tlhomamang tse di tletsetletseng mo mafaratlhatlheng a boitapoloso tse di shupang fa moswi a ile a kubugelwa ke bolwetsi morago ga go ja dimonamone tse a di rekileng kwa lebenkeleng la batswakwa. Van Rooyen are go fitlha ga jaaka ga ba belaele fa go nnile le letsogo la tshwene mo losong le.   

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.