Monna o tshwaretswe maiteko a kgothoso e tseneletseng


Setshwantsho: Mmelaelwa o latofadiwang ka maiteko a polao

Ka OBAKENG MAJE

5 Motsheganong 2026 – Monna wa dingwaga di le 34 o solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la kamoso mabapi le maiteko a kgothoso e tseneletseng kwa motseng wa Dryharts, gaufi le Taung. Go begwa fa banna ba le bararo ba ba neng ba tlhometse go utlwala, ba ile ba itatlhela ka lebenkele lengwe teng kwa motseng o, mme ba leka go tshwara poo.

Go begwa fa banna ba, ba ne ba tlhometse ka sethunya ga mmogo le dithipa. Go begwa fa maletamotse a ne a tsiboga le go ba kgatlhantsa.

Go begwa fa banna ba le babedi ba ile ba le botsa phokoje, fa maletamotse a ile a tsenya a le mongwe dinala. Go begwa fa maletamotse ba ile ba nna le puisano e e seng monate e tshesanyane le mmelaelwa mabapi le tiragalo e.     

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are sepodisi se butse kgetsi ya maiteko a kgothoso e tsheneletseng, gonne banna ba ga ba tsaya sepe ka motsi wa tiragalo. Van Rooyen are mmelaelwa o tla tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la kamoso.

“Dipalatlisiso di a tswelela mo kgetsing e,” van Rooyen wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.