Monna o tlhokofetse morago ga go gogolwa ke metsi


Ka REGINALD KANYANE

4 Motseganong 2026 – Dipula tse di maatla kwa porofenseng ya Kapa Bokone ka Laboraro, di ile tsa tlogela mafelo a le mantsi a tletse metsi le go sa tsamaege kwa sedikeng sa John Taolo Gaetswe. Go ile ga nna le dipego tsa gore banna bangwe ba le babedi ba ile ba gogolwa ke metsi ka Labone fa ba ne ba leka go kgabaganya borogo jo bo neng bo khurumeditswe ke metsi kwa motseng wa Metswetsaneng.

Setlhopa sa phaloso sa porofense le lekala la sepodisi la K9 go tswa kwa Kuruman, se ile sa thankgolola letsema la phaloso le go batlana le banna ba.

Sebueledi sa sepodisi kwa porofenseng ya Kapa Bokone, Colonel Cherelle Ehlers are setlhopa sa phaloso sa K9 sa kwa Upington, e tla nna karolo ya letsema leno mo letsatsing la gompieno. Ehlers are setlhopa se, se ile sa fitlhelela setopo sa monna wa dingwaga di le 44 ka letsatsi la Tshipi ka ura ya bongwe mo motshegareng.

“Letsholo-patlo la go batlana le setopo se sengwe se go dumelwang fa se nwetse la tswelela mo letsatsing la gompieno. Sepodisi sa kwa Mothibistad se butse kgetsi ya morago ga loso. Sepodisi se boa se ikuela go baagi go dula ba le malala-a-laotswe ka dinako tsotlhe. Re kopa gore ba efoge mafelo a amilweng ke morwalela.

“Re ikuela gore baagi ba efoge marogo ga mmogo le mafelo a amilweng ke morwalela,” Ehlers wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.