Molatofadiwa wa petelelo le polao o tshwerwe gape


Setshwantsho: Molatofadiwa wa petelelo le polao, Ogorogile John Mothoathebe 

By KEDIBONE MOLAETSI

19 Seetebosigo 2026 – Molatofadiwa mo kgetsing ya petelelo le polao, Ogorogile John Motsoathebe o tshwerwe gape. Se, se tla morago ga gore kgetsi kgatlhanong le ene e tshololwe ke kgotlhatshekelo ya Ganyesa e tsholole kgetsi e ka ntlha ya mabaka a setegeniki.

Fela seo se ile sa tlhola ketsaetsego go baagi, mme ba ile ba ikuela go Mokhuduthamaga wa Tshireletsego ya Baagi le Tsamaiso ya Dipalangwa, Wessels Morweng go tsereganya. Go begwa fa Motsoathebe a beteletse le go bolaya Bokao Gaseimelwe (10), kwa motseng wa Tseoge, gaufi le Ganyesa ka di 28 Phukwi 2025.

Go begwa fa Gaseimelwe a ne a tsamaya le mmagwe fa sejanaga se ba neng ba se palame se ne sa ema kwa ntlung e rekisang nnotagi ya Hlokoloza. Go begwa fa mmagwe ngwana a ile a lemoga fa mosetsanyana o a seo, mme ba tshimolola go batlana le ene.

Setopo sa ga Gaseimelwe se seneng se sa apara ka bontlhabongwe, se ile sa bonwa kwa ntlwana boithusetso mo letsatsing le le latelang.

Morweng o bega fa a ile a kopana le ba bosekisi jwa setshaba (National Prosecuting Authority) ga mmogo le sepodisi mabapi le go tshololwa ga kgetsi e. Morweng are kgetsi e, e ile ya busediwa kwa kgotlhatshekelo, mme molatofadiwa one a tshwarwa.

“Molatofadiwa o tlhageletse ka boripana kwa kgotlhatshekelo ya Ganyesa ka Labone. Lefapha le tlhaloganya botlhoko jwa lelapa la ga Gaseimelwe ga mmogo le setshaba ka kakaretso. Re amogela go tshwarwa gape ga molatofadiwa, mme re tshepa fa molao o tla tsaya karolo.

“Re se ntse re tsweletse ka gore a molao o diragadiwe ntle le go ikaba ka letlhakuri. Jaaka re amogela matshwenyego a ntshitsweng ke baagi, re ikuela gore ba letle molao o diragadiwe ntle le matshosetsi. Ka ga jalo, re ikuela go baagi go isa matshwafo kwa tlase,” Morweng wa tlhalosa.

Morweng are se, se tla thusa gore kgetsi e se gobelelwe. Are bosekisi bo na le tshono ya go tlhagisa dintlha tse di kwenneng kwa kgotlhatshekelo kgatlhanong le molatofadiwa. Morweng are lefapha le tlile go tswelela go tlhoma kgetsi e leitlho le le ntshotsho le go netefatsa fa bosiamisi bo diragadiwa.

taungdailynews@gmail.com