Mokgweetsi wa kwa Mokassa 1 o tshwerwe le go latofadiwa ka go thula ngwana a be a tshaba


Ka OBAKENG MAJE

10 Ngwanatsele 2026 – Mokgweetsi (32) o tshwerwe morago ga ditatofatso tsa go thula le go bolaya mosimanyana wa dingwaga di le 7 mo kotsing ya sejanaga. Go begwa fa mokgweetsi o, a ile a thula mosimanyana o, mme a tshaba kwa lefelong la tiragalo.

Sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are tiragalo e, e diragetse kwa motseng wa Lokgabeng gaufi Taung mo letsatsing la Tshipi mo mosong ka ura ya borobongwe. Van Rooyen are kgetsi e ile ya bula, mme sepodisi se ile sa bolotsa dipatlisiso.

“Morago ga go kokwanngwa ga bopaki, mokgweetsi o ile a tshwarwa kwa motseng wa Mokassa 1, mono Taung. Sepodisi se ile sa thopa sejanaga se se neng se kgweediwa ka motsi wa kotsi. Go begwa fa mokgweetsi o, a ne a se beile kwa lefelong lengwe.

“Mokgweetsi o, o tla lebagana le kgetsi ya polao ntle le maikaelelo, go thula motho o bo tshaba kwa lefelong la tiragalo ga mmogo le go tsietsa molao,” van Rooyen wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com