
Ka OBAKENG MAJE
21 Phatwe 2026- Masepala wa selegae wa Kagisano-Molopo o kaile fa o swabisitswe ke go senngwa ga ditshodi (containers) kwa toropong ya Ganyesa. Masepala o tlhalositse fa nngwe ya ditshodi di le 50 tse di neng tsa neelwa bagwebi-potlana, ile ya thubiwa le go senngwa.
Sebueledi sa masepala wa Kagisano Molopo, Modisaotsile Khumalo are tiragalo e, ke ya masa a Labone. Khumalo are tshenyo e, ga e se fela bogodu, mme e nyatse le matshelo a bagwebi-potlana ba ba tsweletseng go dirisa ditshodi tse go itshedisa.
“Masepala o butse kgetsi kwa sepodising, mme dipatlisiso di tsweletse. Re ikuela go mongwe le mongwe o a ka tswang a na le tshedimosetso mabapi le badiri ba tiro e, go ka itsise seteishene sa sepodisi se se gaufi. Kgotsa ba ka itsise motsamaisi wa masepala gore badiri ba tiro e ba tshwarwe.
“Tshedimosetso eo, e tla tsewa jaaka ya sephira. Masepala o tlhamile tiriso e ya ditshodi go ka ema nokeng magwebi-potlana mo tulong e. Jaanaong, ga nkitla re letla bosinyi go tla go tseela bagetsho ditiro kgotsa go kgoreletsa kgolo ya moruo wa tulo ya rona,” Khumalo wa tlhalosa.
Khumalo are masepala o tlile go matlafatsa tshireletso kwa ditshoding tseo go ka leka go efoga tiragalo e mo Nakong e e tlang.