Monna o latofadiwang ka go thuntsha le go bolaya lekgarebe la gagwe o ganelwa ka beile


OBAKENG MAJE 

Monna wa dingwaga di le 47 wa kwa motseng wa Khibitswane, gaufi le Taung, Kabelo Vincent Mogongwa, yo a latofadiwang ka go bolaya lekgarebe la gagwe, Tsholofelo Nde Emphukile (38), o tlhotse a ganetswe ka beile ke kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno.

Go begwa fa Mogongwa a ile a tshwarwa morago ga dipego tsa gore o thuntsitse lekgarebe la gagwe, Emphukile ka tlhobolo e eseng mo molaong. Go ya ka lephatha la bosekisi, Mogongwa o rerile loso la kgarebe ya gagwe pele ga a ka mo thuntsha.

Go begwa fa lekawana le, le lekgarebe la gagwe, ba ne ba dula botlhe kwa phaphosing e e hirilweng kwa motseng wa Khibitswane, gaufi le Taung.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Mokaptein Aaftje Botma, yo ga jaana a rotseng tiro, moagisani wa monna o, o ile a tlhalosetsa sepodisi fa baratani ba, ba gorogile ka ura ya bongwe mo mosong, mme go ile ga tsoga kgakgauthano magareng ga bone.

“O kaile fa a utlwile modumo wa sethunya. Sepodisi se ile sa biletswa kwa lefelong la tiragalo, mme se ile sa fitlhela moswi mogare ga bophadiphadi jwa madi.

“Sepodisi se ile sa patelesega go shaga burglars, gore ba kgone go tsena mo ntlung. Molatofadiwa o ile a tshwarwa, mme one a ganelwa ka beile,” Botma wa tlhalosa.

Kgabagare, Magistrate Thabo Letsapa one a kaela Mogongwa fa mabaka a a ntshitseng mo ditheetsong tsa kopo ya beile ese a nonofileng, mme lekgotlha le mo ganela ka beile. Kgetsi e buseditswe morago go fitlha ka di 2 Motsheganong 2024, fa go ntse go emetswe dipholo tsa sethunya se se dirisitsweng go bolaya moswi.

taungdailynews@gmail.com 

Ditheetso tsa kopo ya beile mo kgetsing ya polao ya kwa Majaneng di solofetswe go reediwa


Ka OBAKENG MAJE

Ditheetso tsa kopo ya beile mo kgetsing ya polao kgatlhanong Motseothata Nelson Seoleseng (35) wa kwa motseng wa Majaneng, gaufi le Taung, di solofetswe go reediwa mo letsatsing la gompieno. Seoleseng one a tshwara le go latofadiwa ka go tlhaba le go bolaya tsala ya gagwe, Mosimanegape Adam van Wyk (31), ka thiba.

Go begwa fa Seoleseng ga mmogo le moswi, ba ne ba le mmogo, mme ba ile ba ya kwa gabo molatofadiwa ko ba fitlhetseng morwa rragwe molatofadiwa ana le lekgarebe la gagwe. 

Mongwe wa bo maratahelele wa tlhalosa: “Go begwa fa go ile ga runya kgakgauthano ya mafoko ma gareng ga molatofadiwa le monnawe. Sebakwa sa kgakgauthano ke gore, molatofadiwa one a botsa monnawe gore goreng a tlisa lekgarebe kwa gagabo. 

“Ene ya re fa e ya matsogong, tsala ya molatofadiwa, van Wyk, one a leka go tsiriganya. Fela go begwa fa molatofadiwa a ne a mo tsogela kgatlhanong, mme a mo tsatsanka ka thipa. Go ya ka dipego, moswi one a rwalelwa kwa bookelong jwa sedika jwa Taung, fela one a balelelwa le badimo mo letsatsing la Tshipi.” 

Go begwa fa kgetsi ya polao ene ya bulwa, mme mmelaelwa one a tshwarwa. 

Kgabagage, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are, kgetsi ya polao e butswe, mme molatofadiwa o tla tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ka di 26 Mopitlwe 2024. 

taungdailynews@gmail.com

Monna o tshwerwe ka dinku tse go belaelwang ele tsa bogodu kwa Rooiwal


Ka OBAKENG MAJE

Monna wa dingwaga di le 24, o solofetswe go shadikanya matlho fa pele ga kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la Labobedi. Seno se tla morago ga gore a tshwarwe ka dinku di le thataro tse go belaelwang ele tsa bogodu kwa motseng wa Rooiwal, gaufi le Taung.

Sebueledi sa sepodisi sa sedika sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are, molatofadiwa Thatayaone Monnahela, one a tshwarwa ka dinku tse go belaelwang ele tsa bogodu ka Laboraro.

“Dinku tseo, di ile tsa busediwa mong wa tsone morago ga gore a supe fa ele tsa gagwe,” van Rooyen wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Monna wa kwa Majaneng o latofadiwang ka polao o tlhagelela kwa kgotlha-tshekele


Ka OBAKENG MAJE

Kgetsi ya polao kgatlhanong le monna (35) wa kwa motseng wa Majaneng, gaufi le Taung, e tlile go reediwa ke kgotlha-tshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Seno se tla morago ga gore Motseothata Nelson Seoleseng a tshware le go latofadiwa ka go tlhaba tsala ya gagwe, Mosimanegape Adam van Wyk (31), ka thiba go fitlhelela a tlhokafala ka Lamatlhatso. 

Go begwa fa tiragalo e, ele ya beke e ka Lamatlhatso. Gobegwa fa Seoleseng ga mmogo le moswi, ba ne ba le mmogo, mme ba ile ba ya kwa gabo molatofadiwa ko ba fitlhetseng morwa rragwe molatofadiwa ana le lekgarebe la gagwe. 

Mongwe wa bo maratahelele wa tlhalosa: “Go begwa fa go ile ga runya kgakgauthano ya mafoko ma gareng ga molatofadiwa le monnawe. Sebakwa sa kgakgauthano ke gore, molatofadiwa one a botsa monnawe gore goreng a tlisa lekgarebe kwa gagabo. 

“Ene ya re fa e ya matsogong, tsala ya molatofadiwa, van Wyk, one a leka go tsiriganya. Fela go begwa fa molatofadiwa a ne a mo tsogela kgatlhanong, mme a mo tsatsanka ka thipa. Go ya ka dipego, moswi one a rwalelwa kwa bookelong jwa sedika jwa Taung, fela one a balelelwa le badimo mo letsatsing la Tshipi.” 

Go begwa fa kgetsi ya polao ene ya bulwa, mme mmelaelwa one a tshwarwa. 

Kgabagage, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are, kgetsi ya polao e butswe, mme molatofadiwa o tla tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ka di 26 Mopitlwe 2024. 

taungdailynews@gmail.com

Baagi ba Manthe ba amogela tsereganyo ya masepala mabapi le tlhokego ya metsi


Ka OBAKENG MAJE

Baagi ba motse wa Manthe, gaufi le Taung, ba kaile fa ba itumeletse tsereganyo e e tlisitsweng ke masepala wa sedika wa Dr Ruth Segomotsi Mompati, mabapi le tlhokego ya metsi. Baagi ba, ba tlhotse ba tsenetse kopano le go bona dikarabo go tswa go molekgotlha yo o ikarabelang ka tsa mafaratlhatlha mo komiting ya ya majoro kwa masepaleng, Pico Seepamere.

Le fa kopano e, e batlile e tswa mo taolong morago ga gore gorege setlhotswana sa basimanyana se se ne se lebega se iphantse ka nnotagi go utlwa, mme le sone sa kopa go latlhela tlhware le gonnyana, baagi ka kakaretso, ba kaile fa ba na le dikgwedi di feta supa ba ntse ba tshelela mo lenyoreng.

Mongwe wa baeteledipele wa baagi, Onalenna Setumiso are, baagi ba amogela tsereganyo e e tlisitsweng ke masepala. Go ya ka Setumiso, go lebega fa gontse go na le bante e e sa direng sentle mo pompong nngwe, mme bothata joo bo a baakangwa.

“Re itumeletse gore masepala o tlile ka tharabololo, gonne gone ke nnete ntse go na le mathata ka bante e thusang go pompa metsi. Seepamere ore netefaleditse gore mo letsatsing la kamoso, baagi ba tla be ba nwa metsi. Jaanong, ke nagana gore le rona jaaka rele baagi, re tlile go dira bonnete jwa gore re sala ntlha eo morago. 

“Baagi ba, ba na le dikgwedi di feta supa ba sa bome metsi. Jaanong, sebakwa se sengwe se se amang go pompiwa ga metsi ke kgaogo ya motlakase. O tla gopola gore madutelo a dirisa motlakase gore a kgone go pompa metsi, mme a fetele kwa dipeiping tsa rona gore a tsene kwa dipompong,” Setumiso wa tlhalosa.

Setumiso are gore go nne le metsi a lekaneng, go tlile go tlhokega motlakase. Setumiso are sebakwa se sengwe sa tlhokego ya metsi ke gore, seelo sa lefatshe la bone la motse wa Manthe, se tshekametse kwa karolong ya moseja.

“Jaanong, dipeipi tsa rona fa di leka go fetisetsa metsi kwa dikarolong tse dingwe jaaka Lebonkeng, ga di kgone ka ntlha ya kgaogo ya motlakase. Setlamo se se rebolang metsi sa Magalies Water, se tlile go baakanya bante e senyegile,” Setumiso wa tlhalosa.

Kgabagare, Seepamere are: “Baagi ba itemogetse tlhokego ya metsi dikgwedi tse di mmalwa. Mme go tloga mo mosong wa gompieno, re ntse re tsentse mogatla mo mmung le go bona gore matsapa di a tsaya kae. Jaanong, re ka netefatsa gore gona le bante ya pompo nngwe e e ntse e sa dire. 

“Re ikuetse go setlamo sa Magalies Water gore ba tle go tsenya mafaratlhatlha a tlhokagala. Mme le kamoso ba tla be ba ntse ba le fa ba etse tlhoko gore baagi ba bona metsi. Re na le matsapa a seelo sa motse wa Manthe, gonne gona le karolo e e kwa godimo, mme dipeipi tsa rona ga di kgone go isa metsi kwa madutelong ao ka ntlha ya kgaogo ya motlakase,” Seepamere wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Baagi ba latofatsa mosadi mongwe ka go gweba ka dirwe tsa batho kwa Majaneng


Ka OBAKENG MAJE 

Baagi ba motse wa Majaneng, gaufi le Taung, ba re ba tlile go tlisa molao le tolamo kwa motseng wa bone. Seno se tla morago ga gore, ba belesetse mongwe wa balatofadiwa mo kgetsing ya polao.  

Go begwa fa Ntobizodwa Kwata ga mmogo le balatofadiwa ba le bararo, ba ile ba bolaya monna mongwe kwa motseng o, mme ba gweba ka dikarolo dingwe tsa mmele wa gagwe. Go ya ka mongwe wa baeteledipele wa baagi, Tebogo Vincent Kgwatela, Kwata o dirisa dirwe tsa batho jaaka meshunkwane.

“Re itemogela dipolano tse di dirwang ka bomo ke batho ba eleng gore ba gweba ka madi a batho. Go na le motho o teng mo motseng, mme fela fa motho a fetsa go tlhokafala, ene o tsaya madi ao, mme a boele Gauteng. 

“Fa a fetsa, o dira mpho ya badimo. Ke sengwe se re se boneng ka matlho, ebile ga re re gatwe. Mo polaong ya ntlha, motho o bolaetswe kwa ga gagwe, mme one a thapa batho gore ba mo bolaye,” Kgwatela wa tlhalosa. 

Kgwatela are, Kwata one a tsaya serwe sa moswi sa senna, mme ba mo lokolola thamo ga mmogo le dinao, ba be ba mo latlhela mo lekadibeng. Kgwatela are, jaanong mo bekeng e e fetileng, Mosimanegape Adam van Wyk, one a gagolwa pelo ka thiba, mme Kwata one a go tabola madi a gagwe. 

Rragwe Mosimanegape Adam van Wyk, eleng Boitshoko Tlhareseng are, o utlwisitswe botlhoko ke loso la morwae. Tlhareseng are, batho ba ba tseneletseng batho ba ba bolaya ke bana ba teng kwa Majaneng. 

“Jaanong, ba feleleditse le nna ba mpolaetse ngwana. O ile a bidiwa ke Motseothata Boikie Seoleseng (35), mme a mo kopa gore a ye go mo thusa go kgalemela bo monnawe. Fela fa ba fitlha kwa, Seoleseng o ile a betsa bo monnawe, mme fa ngwanake a mo kgalemela o mo tlhaba ka thiba. 

“Ngwanake o ile a sia, mme ka maswabi one a wela mo setlhatshaneng. Re ne ra mo rwala ka kereibaye, le go mo batlela sejanaga se se mo isang bookelong. Fela, re ne ra bona mogala go tswa kwa boookelong ka ura ya boraro mo mosong o re itsiseng gore ngwanake o tlhokafetse. 

“Jaanong, morafe wa ipelaetsa gonne batho ba ditiro tse di maswe tse, batla fela mo motseng wa rona ntle le tetla. Ba itse gore ba tshwanetse batle le mapodisi fa gona le sengwe se ba se batlang. Fela, Kwata le Seoleseng ga senke ba tsamaye ba ikobele molao o,” Tlhareseng wa tlhalosa. 

Kgabagare, go begwa fa kgetsi ya polao kgatlhanong le Kwata ga mmogo le balatofadiwa naye, e tsholotswe nakwana ke kgotlhatshekelo ya Taung, fa kgetsi ya polao kgatlhanong le Seoleseng, e buseditswe morago go fitlha 26 Mopitlwe 2024. 

Maiteko a Taung DailyNews go ikgolaganya le Ntombizodwa Kwata go mo neela tshono ya go ikarabela kgatlhanong le magatwe a, a retetse mme karabo ya gagwe e tla tsenngwa mo fa e setse e bonwe.

taungdailynews@gmail.com

Monna wa kwa Majaneng o a latofadiwang ka go bolaya tsala ya gagwe o buseditswe kwa ntlo-lefitshwana


Ka OBAKENG MAJE

Kgetsi ya polao kgatlhanong le monna (35) wa kwa motseng wa Majaneng, gaufi le Taung, e tlhotse e buseditswe kwa morago go fitlha di 26 Mopitlwe 2024 ke khotlha-tshekelo ya Taung. Seno se tla morago ga gore Motseothata Nelson Seoleseng a tshware, mme ene o latofadiwa ka go tlhaba tsala ya gagwe, Mosimanegape Adam van Wyk (31), ka thiba go fitlhelela a tlhokafala ka Lamatlhatso.

Go begwa fa tiragalo e, ele ya beke e ka Lamatlhatso. Gobegwa fa Seoleseng ga mmogo le moswi, ba ne ba le mmogo, mme ba ile ba ya kwa gabo molatofadiwa ko ba fitlhetseng morwa rragwe molatofadiwa ana le lekgarebe la gagwe. 

Mongwe wa bo maratahelele wa tlhalosa: “Go begwa fa go ile ga runya kgakgauthano ya mafoko ma gareng ga molatofadiwa le monnawe. Sebakwa sa kgakgauthano ke gore, molatofadiwa one a botsa monnawe gore goreng a tlisa lekgarebe kwa gagabo. 

“Ene ya re fa e ya matsogong, tsala ya molatofadiwa, van Wyk, one a leka go tsiriganya. Fela go begwa fa molatofadiwa a ne a mo tsogela kgatlhanong, mme a mo tsatsanka ka thipa. Go ya ka dipego, moswi one a rwalelwa kwa bookelong jwa sedika jwa Taung, fela one a balelelwa le badimo mo letsatsing la Tshipi.” 

Go begwa fa kgetsi ya polao ene ya bulwa, mme mmelaelwa one a tshwarwa. 

Kgabagage, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are, kgetsi ya polao e butswe, mme molatofadiwa o tla tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ka di 26 Mopitlwe 2024. 

taungdailynews@gmail.com

Dikereke ka go farologana di rapelela tsela ya D201 kwa motseng wa Kgomotso 


Ka OBAKENG MAJE 

Baagi ba motse wa Kgomotso, gaufi le Taung, ba amogetse thapelo ya tsela e eneng e rulagantswe ke masepala o mogolwane wa Taung mo letsatsing la gompieno. Molekgotlha wa masepala, Itumeleng Maribe are, ba ne ba rulagantse thapelo mo tseleng ya D201, gonne ba itemogetse dikotsi di le dintsi mo tseleng e mo nakong e e fitileng. 

Go ya ka Maribe, ba ne ba memile dikereke ka go farologana, mme seo se tlile go rotloetsa badirisi ba tsela go nna kelo-tlhoko ka dinako tsotlhe. Maribe are jaaka naga e tla e lebile matsatsi a paseka, ba batla go kopa batho botlhe gore ba ikele tlhoko, mme ba efoge go nna batswa-setlhabelo ba dikotsi tsa tsela. 

“Fa ke ne ke simolola go nna molekgotlha wa kgorwana e ya 20 ka 2016, dikotsi tsa ditsela, segolo-bogolo jang mo tseleng ya D201, di ne di le kwa godimo thata. Jaanong, re bone fa go le botlhokwa gore retle ka lenaneo le lago rapelela tsela.

“Re bone fa go le botlhokwa gore re laletse Modimo mo thapelong e, mme re rapele le diputhego tse di farologaneng. Seo se tla re thusa go romela molaetsa go badirisi ba tsela gore ba tswelele go ipabalela. Fa esale re tshimolotse ka thapelo e ngwaga le ngwaga, re itemogetse kwelo-tlase mo dikotsing tsa tsela mo tseleng e,” Maribe wa tlhalosa. 

Maribe are jaanong ba ile ba mema le Lefapha la Ditirelo tsa Setshaba le Ditsela go ka tla ka tsereganyo. Maribe are lefapha le ile la tsenya diphophola (traffic calming) mo tseleng eo. 

“Seo se ile sa re thusa thata gore bakgweetsi ba kgweetse ka iketlo mo tseleng e, thata jang fa ba kgweetsa mogare ga motse,” Maribe wa tlhalosa. 

Kgabagare, moruti go tswa kwa Lefapheng la Pharakano, Chaplin Modirakgotla Jerry Batshelakang are, tirelo e ya thapelo e botlhokwa gonne e tlile go tsibosa badirisi ba tsela. Batshelakang are ka ba dumela gore thapelo ke maatla, ke ka moo ba boneng go le botlhokwa go ikgolaganya le mmopi. 

“Ke dumela fa re bone pharologano mo dikotsing tsa tsela e, fa esale re tshimolotse go rapela. Nako le nako fa re rapelela tsela e, re simolola  kwa go yone go kopa maatla le botlhale kwa Modimong. 

“Re leboga botsamaise jwa rona go tla ka lenaane le. Dikotsi tsa tsela go le gantsi di tlholwa ke maitsholo a botlhatswa a badirisi ba tsela. Ke eletsa fa go ka nna le thupelelo ya maitshwaro mo bakgweetsing, ga mmogo le badirisi ba tsela ka kakaretso. Ga re gane, dikotsi tse dingwe tsa tsela di tlholwa ke gore bakgweetsi ba kgweetsa ba iphantse ka nnotagi ka dinako tse dingwe,” Batshelakang wa tlhalosa. 

Are o rotloetsa batsamaya-ka-dinao go apara diaparo tse di bonalang fa ba tsamaya mo tseleng, thata jang fa go le bosigo. Batshelakang are, o ikuela go bakgweetsi go se kgweetse ka lebelo le le kwa godimo, kgotsa go kgweetsa ba itshietse. 

taungdailynews@gmail.com

Baagi ba motse wa Molelema ba ikuela go masepala go ba baakanyetsa ntlo-lehalahala ya bone e ileng ya fisiwa


Ka OBAKENG MAJE

Baagi ba motse wa Molelema, gaufi le Taung, ba ikuela go masepala o mogolwane wa Taung (Greater Taung Local Municipality) gore o ba baakanyetse ntlo-lehalahala ya bone. Go ya ka baagi ba, ba tlhoka ntlo-lehalahala go tshwarela dikopano tse di farologaneng mo go yone.

Mongwe wa baagi, Mosimanegape Monoketsi (31) are ga jaana, ba tsenela dikopano fa tlase ga moago o bulegileng, gaufi le ntlo-lehalahala e. Fela, Monoketsi are seemo ka nako tse dingwe ga se letle gore ba ka dirisa moago o bulegileng, thata jang fa pula ena kgotsa mo setlheng sa mariga.

“Ntlo-lehalahala e, fa e sala ene ya fisiwa ke baagi fa ba ne ba gwantela tsela. Fela go fitlha ga jaana, ga ese e baakangwe, mme re e tlhoka thata. Jaanong, re ikuela go masepala go ka re thusa, gonne go dilo tse dintsi thata tse re di tlhokang mo motseng wa rona tse di amanang le thebolo ya ditirelo.

“Gape, kgang enngwe ke tlhokego ya metsi. Re lobaka re lela ka tlhokego ya metsi mo motseng was rona. Re bona dikomponi di fetolwa, jaaka rene re itse gore re ne re neelwa metsi ke Sedibeng Water kala-ntlhaneng, jaanong go tsene Magalies Water, fela seemo ga se fetoge. Jaanong, ga re itse gore bothata ke eng, mme go fitlha ga jaana re reka metsi ko metseng e gaufi,” Monoketsi wa tlhalosa.

Moeteledipele wa baagi kwa motseng wa Molelema, Kgosietsile Tshake are: “Ke nnete re ile ra senyegelwa ke ntlo-lehalahala ya rona fa gone go gwantelwa tsela. Ga jaana, re tlhaloganya gore gona le ledi le masepala wa rona o mogolwane wa Taung o le boneng go tswa go komponi ya insurance.

“Jaanong, ga re itse gore masepala o tlile go e baakanya leng. Dilwana dingwe jaaka disenke, diframe tsa matlhabaphefo, ga mmogo le ditswalo di ile tsa ntshiwa. Kgosi o ile a ntsha molaetsa wa gore disenke tse di neng di ruletse ntlo-lehalahala e, di dirisetswe go aga mokhukhu o dirisiwang jaaka kantoro ya mokgatlho o lwantshang bogodu mo motseng,” Tshake wa tlhalosa.

Molekgotlha wa kgorwana ya motse wa Molelema, Pico Seepamere, are ke nnete insurance e ile ya ntsha madi a kanang ka R1.6 million ele go duelela ditshenyegelo. Seepamere are ntlo-lehalahala eo, e tlile go tlhoka madi a fetang R6 million go agiwa sesha.

“Re ile ra dumalana le baagi gore ga re kitla re tsenya lenaneo la kago ya ntlo-lehalahala mo telanyetso-kabo ya setlha se (financial year). Re dumalane gore, re beye ko pele kago ya tsela ya pavement mo gare ga motse, mme re be re bua ka kgang ya metsi.

“Re tla tlhaloganya gore insurance ile ya duela madi a kanang ka R1.6 million ya ditshenyegelo, mme e ile ya e tsenya mo polokelong ya masepala,” Seepamere wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Malome le setlogolo kwa motseng wa Myra ba tlhokafetse mo kotsing ya sejanaga 


Ka OBAKENG MAJE 

Ba lelapa la ga Moleleki kwa motseng wa Myra, gaufi le Taung, ba re ba utlwisitswe botlhoko ke go tlhokafala ga maloko mangwe a lelapa la bone. Seno se tla morago ga gore, Albert Dikano Moleleki, ga mmogo le motlogolowe, Tlotlaone Mokgele, ba amege le go tlhokafala mo kotsing ya sejanaga. 

Go ya ka sebueledi sa lelapa, Otshepeng Zee Moleleki, mogolowe o ile a amega mo kotsing ya sejanaga mo tsela-kgolo ya N18, gaufi le motse wa Dryharts ka letsatsi la Lamatlhatso fa masigo ane asa. Otshepeng are, batho ba ba ileng ba amega mo kotsing ya sejanaga ba ne ba le bane ka palo. 

“Aubuti one a kgweetsa sejanaga sa modiro wa bakkie, mme one a tsamaya le lekgarebe la gagwe, setlogolo sa rona, Tlotlaone Mokgele, ga mmogo le monna o tlholang a nthusa go baakanya dikoloi.

“Mo kotsing e, go ile ga tlhokafala aubuti, Albert Dikano Moleleki, ga mmogo le setlogolo, Tlotlaone Mokgele. Lekgarebe la ga aubuti le ile la bona dikgobalo mo leotong, fa monna o tlholang a nthusa go baakanya dikoloi, a sa bona dikgobalo tse di tseneletseng, mme ebile o setse a ntshitswe kwa bookelong,” Otshepeng wa tlhalosa. 

Otshepeng are, go ya ka dipego, lekgarebe la ga mogolowe le tla gololwa kwa bookelong ka Labotlhano. Are ga jaana, ba kwa Vryburg go ya go tsaya ditopo tsa baswi kwa lefelong la forensic, mme ba tla di fitisetsa kwa mmoshareng wa legae. 

“Re dumalane re le lelapa gore phitlho e nne ka Lamatlhatso, mme e tla tshwarelwa kwa lebaleng la metshameko kwa motseng wa Myra. Fela, e tla re morago ga tirelo phitlho, ba lelapa la ga Mokgele ba tla tsaya serepa sa gagwe go ya go se boloka kwa mabitleng a bone, mme le rona re tseye serepa sa ga aubuti re ye go se boloka kwa mabitleng a rona.  

“Re latlhegetswe thata, fela ga gona se re tla se dirang, gonne thato ya Modimo e diragetse. Le fa dipelo di utlwile botlhoko, ebile di robegile, re tla baya tsotlhe fa pele ga Rara mme re re go siame go siame,” Otshepeng wa tlhalosa. 

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Lieutenant Col Amanda Funani, ga se a boele go lekwalo dikgang la rona la Taung DailyNews ka dikarabo mabapi le kgang e. Dikarabo tsa ga Funani di tla tsenngwa mo kgannyeng e fa di setse di gorogile. 

taungdailynews@gmail.com