Mosimane oneng a timetse kwa Pudimoe o bonwe


Setshwantsho: Mosimane oneng a timetse, Ofentse Sehalane/Facebook  

Ka OBAKENG MAJE

Ba lelapa la ga Ofentse Sehalane (6) o oneng a begwa a timetse kwa motsesetoropong wa Pudimoe, gaufi le Taung, ba tlhalositse fa ba itumeletse go bonwa ga morwa wa bone. Go begwa fa Ofentse ane a timela mo bekeng e e fitileng.

Fela, one a bonwa mo letsatsing la maabane mo mosong gaufi le mabitla. Ofentse yo go begwang fa a apere sekipa sa mmala o mo khunou, ga mmogo le borokgwe jwa ka fa teng, one a nyelela.

Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sad Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are, sepodisi se ne se sentse se bula kgetsi, fela ba lelapa ba ile ba tlhalosa fa ngwana a bonwe.

taungdailynews@gmail.com