Motsamaisi wa maloba wa kwa Boxer Liquor Store mono Taung o boela kwa kgotlhatshekelo


Setshwantsho: Molatofadiwa, Tebogo Romeo Mahusi/Facebook

Ka OBAKENG MAJE

19 Diphalane 2026 – Motsamisi wa maloba wa lebenkele la Boxer Liquor Store mono Taung, Tebogo Romeo Mahusi (32), o solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya sedika mono Taung. Mahusi yo o mo beileng ya R1000, o ne a tshwarwa mabapi le ditatofatso tsa go betelela modiri wa mosadi wa teng kwa Boxer Liquor Store.

Go begwa fa modiri wa dingwaga di le 20, teng kwa Boxer Liquor Store, a ne a tsweletse ka tiro ya gagwe ya go paka dilo fa motsamaisi a ne a mo biletsa kwa kantorong ya gagwe ka Lamatlhatso motshegare. Go begwa fa go tseneng ga bone kwa kantorong eo, Mahusi o ile a lotlela lebati la kantoro.

Go begwa fa e ne ya re fa modiri o a sentse a maketse gore go diragalang, ke fa Mahusi a mo phamola a mo atla ka pateletso. Go begwa fa Mahusi a ile a mo fekeetsa ka maatla, mme a mo apola borokgwe.

Go begwa fa Mahusi a ile a mo rapamisa mo tafoleng le go mo betelela a mo tlhaga kwa morago.

Kgabagare, go solofetswe go tsenela ditheetso tsa pele ga tsheko mo letsatsing la gompieno.

taungdailynews@gmail.com

SAFA Vice Presidents elected at successful NEC Ordinary Meeting in Sandton


Picture: SAFA Vice Presidents elected at successful NEC Ordinary Meeting in Sandton/Supplied

By OBAKENG MAJE

19 October 2026 – The South African Football Association’s (SAFA) National Executive Committee (NEC) met at an Ordinary Meeting in Sandton, Johannesburg on Sunday where the Members elected new Vice Presidents, and also addressed various other important issues. This was the first meeting of the new NEC following the successful SAFA Elective Congress held in Midrand on 12 September 2026.

The SAFA NEC elected Anastasia Tsichlas, Linda Zwane and Tankiso Modipa as the Vice Presidents to serve for the next four years.

SAFA president, Dr Danny Jordaan explained the process that guided the election of the three Vice Presidents.

“As far as today’s meeting was concerned, the meeting addressed various issues. First, we had to deal with the question of the Vice Presidents we have here at the front table. Now, you know that in the elections at SAFA, you only elect national list members, they are national executive members and out of those members, you then elect the three Vice Presidents arising out of that pool of administrators.

“We have on my left Linda Zwane, who was a Vice President, served one term and is in his second term as Vice President. We also have Natasha Tsichlas as a Vice President and the new man on the block, Tankiso Modipa sitting next to me,” he said.

He further said the way in which they determined the Vice President is by an open ballot, which was observed by all of the members and as the vote was counted, it was displayed behind us on the screen. So, there’s no question that the election showed the transparency and the commitment of SAFA to deal with these matters in an open and transparent way. Jordaan added that the next step is for the Vice Presidents to come together with the CEO, Lydia Monyepao to put together Vision 2030, which will end in Morocco.

“In the elements of the Vision 2030, it’s about schools’ football, it’s about development, it’s about excellence of our various national teams, it’s about coaching education and making sure that we have and sustain quality coaches in the country, which is an important issue.

“The members also appointed several committees, including technical, finance, schools and competitions among others. Former Bafana Bafana midfielder, Doctor Khumalo has been appointed as vice chairman of the SAFA Technical Committee,” said Jordaan.

The NEC member, Lebogang Riet confirmed to the gathered members in Sandton that he has withdrawn the criminal complaint he laid against SAFA CEO, Lydia Monyepao on the eve of the SAFA elective congress.

“We had this discussion even prior to the NEC, where we admitted that a lot of things were done in the way they were done. But we agree that it was campaigning (before the elective congress last month), we had a campaign period and that is it.

“We have to put SAFA first and that is the most important thing. There’s a new NEC, there is a (newly elected) president and we must support the growth of football,” he said.

Riet said he has withdrawn the complaint that went viral on social media. He said the matter as it was, the agreement is to withdraw the matter.

In another matter, North West’s Jack Ramorei confirmed to the members that he never opened a case at the police station against a fellow NEC member.

The SAFA NEC Meeting was preceded by a two-day workshop that the association hosted in partnership with FIFA at the same venue. It was an induction workshop for the recently elected SAFA NEC and SAFA’ senior Management.

Several sessions were conducted and they included governance, financial governance, leadership, forward development programme, women’s football, among others.

taungdailynews@gmail.com

Cachalia Welcomes Return of General Masemola to Duty as National Police Commissioner


By OBAKENG MAJE

16 October 2026 – The acting Minister of Police, Professor Firoz Cachalia has welcomed President Cyril Ramaphosa’s decision to lift the precautionary suspension of National Commissioner of the South African Police Service (SAPS), General Fannie Masemola, following the formal withdrawal of charges against him. In a statement issued on Friday, Cachalia said the decision paves the way for Masemola to return to his duties as head of the country’s police service.

Cachalia also expressed his appreciation to Lieutenant-General Puleng Dimpane for her professionalism, leadership and dedicated service while serving as acting National Commissioner during Masemola’s suspension.

He reaffirmed the Ministry’s commitment to strengthening the SAPS through the Police Reset Agenda, which focuses on promoting professionalism, accountability and ensuring that the police service remains committed to its constitutional mandate to protect and serve all people in South Africa.

“The return of the National Commissioner provides an opportunity for the leadership of the SAPS to maintain focus on operational priorities and the ongoing work to build a professional, capable and trusted police service as per the Police Reset Agenda.

“The Ministry said it remains committed to advancing reforms aimed at strengthening public confidence in the police service and ensuring that the organisation fulfils its responsibilities effectively,” he said.

Cachalia further said Masemola’s return is expected to allow SAPS leadership to continue focusing on operational priorities and the broader efforts to build a professional and accountable police service.

taungdailynews@gmail.com

SAFA e thakgola lenaneo la bosetšhaba la go naya ditheo tsa kgwele ya dinao dilaesense le go godisa ditalente


Ka STAFF REPORTER

16 Diphalane 2026 – Mokgatlo wa Kgwele ya Dinao wa Aforika Borwa (SAFA) o thankgolotse lenaneo la bosetshaba la go naya ditheo tsa kgwele ya dinao dilaesense le go godisa ditalente, le le tshegediwang ke lenaneo la FIFA la tlhabololo ya ditalente (TDS).

Lenaneo leno le ikaeletse go nonotsha tlhabololo ya kgwele ya dinao ya bašwa le go tlhama ditsela tse di bonalang tse di tla thusang ditalente tsa kgwele ya dinao mo Aforika Borwa go gola le go fitlhelela maemo a a kwa godimo.

Lenaneo leno le tla tlhoma maemo a bosetšhaba a a tla latelwang ke ditheo tsa kgwele ya dinao, gape le go tlhama mokgwa o o rulagantsweng wa go lemoga, go tlhabolola le go tsweledisa pele batshameki ba ba nang le bokgoni mo nageng.

Lenaneo leno le ikaegile ka dintlha tse pedi tsa botlhokwa, e leng go naya ditheo dilaesense le go tlhama melawana e e tla di laolang.

Mokhuduthamaga wa SAFA, Lydia Monyepao are ba tla tlhagisa letlhomeso la bosetšhaba le le tla kaelang tsela e ditheo di tsamaisiwang ka yone, go sekaseka tiro ya tsone le go di amogela semmuso. Monyepao are letlhomeso leno le tla tsepamisa mogopolo mo pusong e e siameng ya ditheo, tshireletso ya bana le bašwa, maemo a katiso, mafaratlhatlha, tlhokomelo ya batshameki le tlhabololo ya bona ya nako e telele.

“Lenaneo leno gape le tla nonotsha tirisanommogo magareng ga dikolo, ditheo tsa kgwele ya dinao, ditlhopha, makala a diporofense le ditlhopha tsa bosetšhaba, gore batshameki ba ba nang le bokgoni ba lemogiwe le go tshegediwa ka tsela e e rulagantsweng sentle.

“Kgato ya ntlha e akaretsa ditherisano le bannaleseabe le tlhamo ya letlhomeso. Tiragatso ya lenaneo e tla simolola ka ditherisano tsa naga ka bophara tse di tla akaretsang ditheo tsa kgwele ya dinao, ditlhopha, mekgatlho ya kgwele ya dinao ya diporofense, dikolo, diyunibesithi, bakatisi, baitseanape ba setegeniki le bannaleseabe ba bangwe ba botlhokwa,” Monyepao wa tlhalosa.

Are SAFA gape e tla tlhoma Setlhopha sa Bosetšhaba sa Tiro sa Dilaesense tsa Ditheo le Tlhabololo ya Ditalente, se se tla bopiwang ke baitseanape ba setegeniki, baemedi ba ditheo, baitseanape ba tshireletso le bagakolodi ba Lenaneo la FIFA la Tlhabololo ya Ditalente. Go ya ka Monyepao, setlhopa seno se tla kaela tlhamo ya letlhomeso.

“Aforika Borwa e na le ditalente tse dintsi tsa kgwele ya dinao mme maikarabelo a bona ke go tlhama tikologo e mo go yone mosha mongwe le mongwe a ka bonang ditšhono tsa boleng jo bo kwa godimo tsa tlhabololo.

“Lenaneo leno le tla thusa go tlhoma maemo a a tshwanang mo ditheong tsotlhe, fa gape le tlhama tsela e e golaganeng sentle e e tshegetsang kgatelopele ya batshameki go tloga kwa kgweleng ya dinao ya mo metseng go fitlha kwa maemong a a kwa godimo a motshameko,” ga rialo Monyepao.

Mokaedi wa Setegeniki wa SAFA, Molefi Ntseki, o tlhalositse gore go naya ditheo dilaesense le go tlhama ditsela tsa tlhabololo ya ditalente ke dikarolo tsa botlhokwa mo go ageng tsamaiso e e atlegileng ya tlhabololo ya kgwele ya dinao.

O rile ka lenaneo leno, SAFA e ikaeletse go tokafatsa maemo a tlhabololo, go nonotsha go lemoga ditalente le go naya batshameki ba ba nang le bokgoni ditšhono tse di bonalang tsa go gatela pele mo Aforika Borwa.

Faisal Chibsah, wa Lenaneo la FIFA la Tlhabololo ya Ditalente le Moitseanape wa FIFA wa Maemo a a Kwa Godimo, o rile ka go kopanya mafelo a boleng jo bo kwa godimo a tlhabololo le ditsela tse di rulagantsweng tsa ditalente, SAFA e tsaya kgato ya botlhokwa ya go dirisa bokgoni jotlhe jwa batshameki ba bašwa mo nageng.

“Lenaneo leno le bontsha boikano jwa nako e telele jwa go aga isagwe ya kgwele ya dinao ya Aforika Borwa. Lenaneo la Bosetšhaba la go Naya Ditheo tsa Kgwele ya Dinao Dilaesense le go Godisa Ditalente le tsewa e le kgato e kgolo ya go nonotsha tsamaiso ya tlhabololo ya kgwele ya dinao mo Aforika Borwa, ka go tokafatsa maemo a ditheo le go tlhama ditsela tse di bonalang tsa go thusa kokomana e e latelang ya batshameki.

“Lenaneo le simolotse kwa SAFA House mo bekeng eno mme ditherisano di tla tswelela kwa diporofenseng tse dingwe mo malatsing a a tlang,” ga rialo Chibsah.

Lenaneo la ditherisano tsa ditheo tsa kgwele ya dinao

– KwaZulu-Natal (Durban): Southern Sun Elangeni & Maharani Hotel

Letlha: 16 Diphalane 2026

Nako: 10:00 go fitlha ka 17:00

– Kapa Botlhaba (Gqeberha): Radisson Blu Hotel

Letlha: 18 Diphalane 2026

Nako: 10:00 go fitlha ka 17:00

– Kapa Bophirima (Cape Town): Protea Sea Point Hotel

Letlha: 20 Diphalane 2026

Nako: 10:00 go fitlha ka 17:00

taungdailynews@gmail.com

SASSA e tla duela dithuso tsa loago tsa Ngwanatsele pele ga nako


Ka BAKANG MOKOTO

16 Diphalane 2026 – Setheo sa Aforika Borwa sa Tshireletso ya Loago (SASSA) se itsisitse ka matlha a mantsha a tuelo ya dithuso tsa loago tsa Ngwanatsele 2026 pele ga ditlhopho tsa dipusoselegae tse di rulaganyeditsweng go tshwarwa ka la 4 Ngwanatsele 2026. Setheo seno, se tlhalositse gore phetogo eno e dirilwe morago ga ditherisano le bannaleseabe ba ba farologaneng ka maikaelelo a go netefatsa gore dithuso tsa loago di duelwa ka tsela e e manontlhotlho le e e sireletsegileng go sa nne le dikgoreletsi tse dintsi ka nako ya ditlhopho.

Lefapha la Matlotlo la Bosetšhaba (National Treasury) le amogetse matlha a mantsha a tuelo, ka jalo SASSA e ka diragatsa thulaganyo e ntšhwa. Go ya ka thulaganyo e e fetotsweng, matlha a tuelo, dithuso tsa bagodi di tla duelwa ka di 30 Diphalane 2026.

Dithuso tsa batho ba ba tshelang ka bogole, di tla duelwa ka 2 Ngwanatsele 2026, fa dithuso tsa bana di tl duelwa ka di 3 Ngwantsele 2026. SASSA e rile diphetogo tseno di diretswe go netefatsa gore dithuso tsa loago di duelwa ka thelelo mo nakong e e dikologileng ditlhopho.

Sebueledi sa SASSA, Dr Paseka Letsatsi are setheo sa gagabo se sa ntse se ikemiseditse go netefatsa gore botlhe ba ba tshwanelwang ke go amogela dithuso tsa loago ba di amogela ka thulaganyo e e siameng le ka tsela e e ikanyegang.

“SASSA gape e gakolotse bajalefa ba dithuso tsa loago ba dikopo tsa bone di sekasekwang gape gore ba arabele melaetsa ya semmuso mme ba nne teng kwa dikopanong tsa tshekatsheko fa ba kopiwa go dira jalo,” Letsatsi wa tlhalosa.

Are letsatsi le lengwe la tuelo, e leng 5 Ngwanatsele, le beetswe kwa thoko ka tlhamalalo go thusa bajalefa ba dithuso tsa bone di leng mo thulaganyong ya tshekatsheko. Letsatsi are SASSA e kopile bajalefa gore ba se ka ba etela dikantoro tsa yone go sa tlhokege, ka gonne dituelo di tla dirwa go ya ka thulaganyo e e itsisitsweng.

“Bajalefa ba rotloediwa gape go dirisa ditsela tsa semmuso tsa puisano tsa setheo seno go bona tshedimosetso e e nepagetseng le go itshireletsa kgatlhanong le tshedimosetso e e seng boammaaruri kgotsa e e tsietsang malebana le dithuso tsa loago.

“SASSA e gateletse gape boikemisetso jwa yone jwa go sireletsa seriti le botshepegi jwa thulaganyo ya thuso ya loago, fa e ntse e netefatsa gore dimilione tsa Maaforika Borwa a a ikaegileng ka dithuso tseno di tswelela go di bona,” ga rialo Letsatsi.

taungdailynews@gmail.com

North West Provincial Legislature Welcomes Investigation into Workplace Harassment and Gender-Based Violence



By KEDIBONE MOLAETSI

16 October 2026 – The North West Provincial Legislature (NWPL) has welcomed an investigation by the Commission for Gender Equality (CGE) into institutional accountability and the effectiveness of measures to prevent and address harassment, bullying, sexism and violence against women and vulnerable groups within provincial legislatures. The investigation seeks to assess whether existing institutional policies and mechanisms adequately protect vulnerable employees and provide effective channels for reporting and addressing complaints.

The Speaker of the North West Provincial Legislature, Viola Motsumi said the Legislature fully supports the investigation and remains committed to promoting equality, human dignity, transparency and accountability.

“The NWPL affirms that non-racialism and non-sexism are foundational values of the Constitution. The Bill of Rights binds the Legislature, Executive and Judiciary to respect, protect, promote and fulfil all rights. 

“The constitutional right to equality prohibits conduct that undermines gender equality, while the right to human dignity recognises the inherent worth of every person,” she said.

Motsumi further said these principles were essential in combating gender discrimination, sexual harassment and gender-based violence. She added that the Legislature had established various policies and mechanisms to promote a safe, respectful and harassment-free working environment. 

“Its Workplace Harassment Policy, which has been in place since 2016, is currently being aligned with the Code of Good Practice on the Prevention and Elimination of Harassment in the Workplace, introduced in 2022. 

“The Legislature also has mechanisms to report, investigate and manage complaints involving employees, management and Members of the Provincial Legislature (MPLs),” said Motsumi. 

She said these include safeguards against victimisation, the appointment of external investigators where necessary and precautionary measures such as suspension or changes to reporting lines. Motsumi said records are also maintained of complaints, including those that do not proceed to formal disciplinary hearings. 

“The Legislature had further established the Office of the Integrity Commissioner, an independent office responsible for investigating ethical complaints by or against members and making detailed recommendations to the Speaker. 

“Members are required to uphold the constitution and the law, act with honesty and integrity, and avoid conduct that could undermine public confidence in their offices,” she said. 

Motsumi said Legislature has also introduced awareness initiatives aimed at addressing workplace harassment and Gender-Based Violence (GBV). She said these include its annual Men’s and Women’s Conferences, held for four consecutive years, which have addressed sexual harassment, workplace bullying, femicide and GBV. 

“The NWPL noted research indicating that between 68% and 76% of women in South Africa experience sexual harassment at least once during their lifetime or professional careers.

“The statement also cited University of KwaZulu-Natal studies indicating that 9.8%, or approximately 2.1 million women, have experienced sexual violence,” said Motsumi.

She said according to the Legislature, these figures highlight the importance of strengthening institutional interventions and ensuring that complaints are handled effectively. Motsumi said the institution acknowledged that gaps remain in workplace harassment prevention, employee wellness, policy implementation and organisational alignment.

“To address these challenges, the Legislature has finalised a workplace climate and culture survey instrument, which is expected to be administered in early 2027.

“It has also developed a Human Resources Change Management Strategy to guide the implementation of employee climate surveys,” she said.

Motsumi said the strategy is currently undergoing internal consultation and once approved, will provide a framework for assessing workplace culture and identifying institutional challenges. She said their corrective measures would include continuous workplace climate surveys, aligning policies with amended legislation and strengthening information and communication technology-based advocacy to improve accessibility.

“Future interventions will focus on intensifying awareness programmes on gender-based violence and femicide, workplace bullying, harassment and bystander intervention.

“The Legislature also plans to encourage victims to report all forms of harassment, develop a Protected Disclosure Policy and expand public outreach on sexual harassment and GBV,” said Motsumi.

In promoting women’s empowerment and gender equality, she said the NWPL continues to support initiatives through the Multi-Party Women’s Caucus, Commonwealth Women Parliamentarians, the Women Sectoral Parliament, the Integrated Women’s Day Event and the Basadi Re Aga Setshaba event. 

“As of May 2026, the Legislature’s approved administrative establishment consisted of 322 positions, with 236 employees. 

“Management comprised 23 managers, of whom 15 were men and eight were women.
The Legislature also acknowledged that it had not yet met the 3% disability employment target and we are participating in the North West Disability Forum to address the shortfall,” said Motsumi.

She reiterated the Legislature’s commitment to strengthening accountability, improving workplace conditions and ensuring that everyone is treated with dignity and respect. Motsumi said the North West Provincial Legislature remains committed to following up on our commitments and making your future work better — building an ethos based on equality and dignity for all.
taungdailynews@gmail.com

Kokwanopeo molao e tshwara kgotlhakgothe mabapi le go reba malwetsi a jaaka HIV le TB


Ka REGINALD KANYANE

16 Diphalane 2026 – Kokwanopeo Molao mono Bokone Bophirima, e tla tshwara Palamente ya Lekala la Boitekanelo ka ga HIV le TB. Kopano e, e solofetswe go tshwarwa ke Palamente ya Lekala la Boitekanelo ya 2026 kwa motsesetoropong wa Khuma, kwa Stilfontein ka Labotlhano, maitlhomo e le go nonotsha maiteko a go lwantsha HIV le bolwetse jwa mafatlha (TB).

Mmusakgotlha wa Kokwanopeo Molao, Viola Motsumi ga mmogo le motlatsi wa gagwe, Collen Maine, ba tla etelela pele dipuisano tse. Motsumi are Palamente eno e tla tshwarwa ka fa tlase ga setlhogo se se reng:

“Re a Tlhatloga Mmogo: Batho ba le Dimilione di le 1.1 ba Kopane go Fedisa TB. E tla kopanya baagi, baemedi ba puso, kgotlhakgothe ya Porofense ya TB, mekgatlho ya setšhaba le balekane ba tlhabololo go buisana ka dikgwetlho tse di leng teng mo thibelong, go lemogeng le go alafeng HIV le TB.

“Tiragalo eno e rulaganyeditswe go simolola ka ura ya lesome mo mosong kwa Holong ya Transnet kwa Khuma ka Labotlhano.

Palamente eno e ikaelela go tshegetsa matsholo a 1.1 Million Close the Gap le End TB, mmogo le go akofisa kgatelopele ya go fitlhelela maikaelelo a HIV a 95-95-95,” Motsumi wa tlhalosa.

Are Aforika Borwa e simolotse letsholo la Close the Gap ka di 25 Tlhakole 2025, ka maikaelelo a go busetsa batho ba bangwe ba le dimilione di le 1.1 ba ba tshelang ka HIV, ba ba iseng ba lemogwe kgotsa ba ba tlogetseng go bona tlhokomelo ya kalafi, mo kalafing ya di-antiretroviral (ART) e e bolokang matshelo.

“Ditherisano gape di tla sekaseka ka fa maemo a loago le ikonomi a amang phitlhelelo ya ditirelo tsa boitekanelo le kalafi ka teng, segolobogolo mo bathong ba e kileng ya bo e le badiri ba meepo,” ga rialo Motsumi.

Tonakgolo ya Bokone Bophirima, Lazarus Mokgosi, o solofetswe go nna teng, mmogo le Maloko a Khansele ya Khuduthamaga ya Porofense (MECs), baemedi ba Khansele ya Porofense ya AIDS le badiredi ba mafapha a Badiri, Tlhabololo ya Loago, Boitekanelo le Merero ya Selegae. Ba bangwe ba ba solofetsweng go nna teng ba akaretsa baemedi ba AURUM, baagi, mekgatlho ya setšhaba le lekala la poraefete.

Maloko a bobegadikgang a lalediwa go nna teng le go bega ka tiragalo eno.

taungdailynews@gmail.com

Maloko a LGBTQ+ a ikuela go tlotliwa le go sirelediwa kgatlhanong le tlhaolele


Ka OBAKENG MAJE

16 Diphalane 2026 – Mokhuduthamaga wa Lefapha la Tlhabololo ya Loago mono Bokone Bophirima, Sussana Dantjie, o kopile setšhaba go tlotla, go sireletsa le go amogela batho ba setšhaba sa LGBTIQ+, a gatelela gore ga go ope yo o tshwanetseng go sotliwa, go kobiwa kgotsa go patelediwa go tshela ka poifo ka ntlha ya gore ke mang. Dantjie o buile jaana ka nako ya puisano le maloko a setšhaba sa LGBTIQ+ kwa Ipelegeng Community Care Centre kwa Schweizer Reneke ka Labone. Bangwe ba maloko a LGBTQ+ ba abelane ka maitemogelo a a tshwenyang a go tlhaolwa, go betelelwa, go sotliwa, go kgaphelwa kwa thoko le mathata a go bona thuso le tshireletso.

“Ga go ope yo o tshwanetseng go sotliwa, go ganwa kgotsa go patelediwa go tshela ka poifo ka ntlha ya gore ke mang,” ga rialo Dantjie, a kopa gore go nne le maiteko a magolwane a go sireletsa ditshwanelo le seriti sa batho ba LGBTIQ+. Puisano eno e ne ya naya maloko a setšhaba sebaka sa go tlhagisa dingongorego tsa bone ka tsela e ba tshwarwang ka yone kwa magaeng, kwa dikolong, kwa dikerekeng le mo setšhabeng ka kakaretso.

Ba kopile gore go nne le ditsereganyo tse di nang le mosola go rarabolola dikgwetlho tse di amang pabalesego le boitekanelo jwa bone. Maloko a, a tlhagisitse matshwenyego ka go tlhaolwa ga bone mo mafelong a botlhe le go kgaphelwa kwa thoko ga batho ba ba nang le boitshupo jo bo farologaneng jwa bong ka ntlha ya manane a go kwadisa batho a a sa akaretseng boitshupo jwa bone.

Ba tlhalositse gape gore ka dinako dingwe maitemogelo a bone a tsenngwa mo dipegong tsa puso, mme go sa nne le puisano e e lekaneng le bone kgotsa diphetogo tse di bonalang mo maemong a bone.

Maloko a setšhaba a kopile gore ditirelo tsa boitekanelo jwa thobalano le jwa pelegi di tokafadiwe, go akaretsa go fitlhelela dikhondomo, didirisiwa tsa go sireletsa thobalano ya bomme le bomme (dental dams), dikhondomo tsa menwana le tshedimosetso e e tletseng ka boitekanelo jwa thobalano go thusa go thibela malwetse a a tshelanwang ka thobalano.

Ba kopile gape gore go nne le kamogelo e kgolwane mo ditheong tsa bodumedi, ba gatelela gore ba tshwanetse go kgona go obamela ka kgololesego kwa mafelong a bone a kobamelo ntle le poifo ya go tlhaolwa, go kgala kgotsa go ganwa.

Mongwe wa maloko a setšhaba sa LGBTIQ+, Seoketsi Mooketsi, o lebogile Dantjie ka go ipha nako ya go buisana le bone ka dikgang tse di amang matshelo a bone a letsatsi le letsatsi.

“Re leboga mokhuduthamaga ka go re naya sebaka sa go tlhagisa matshwenyego le ditlhobaelo tsa rona. Se se tlhagileng sentle mo puisanong eno ke dikgang tse di jaaka bonno jwa tshireletso, tlhaolele le tirisodikgoka ya bong e e dirwang kgatlhanong le rona.

“Ga go ope yo o tshwanelwang ke go sotliwa, go ganwa kgotsa go amogwa ditshwanelo tsa gagwe ka ntlha ya tshekamelo ya gagwe ya thobalano kgotsa boitshupo jwa gagwe jwa bong,” ga rialo Mooketsi.

Dantjie o rotloeditse maloko a setšhaba sa LGBTIQ+ go dirisa diphala go tlhagisa kotsi le go kopa thuso fa ba ikutlwa ba le mo kotsing, kgotsa ba iphitlhela ba le mo seemong se se sa babalesegang. O gateletse gape gore ditshwanelo tsa batho ba LGBTIQ+ di tshwanetse go sirelediwa go ya ka Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, o o tlhomamisang tekatekano le tshireletso kgatlhanong le tlhaolele e e sa siamang.

Ka nako ya dipuisano, Lefapha la Merero ya Selegae le netefaleditse gore maloko a a LGBTQ+ a ka etela diofisi tsa lone go botsa ka ditsela tsa go fetola matshwao a bong mo ditlankeng tsa boitshupo le go dira dikopo tsa diphetogo tseo, go ya ka ditsamaiso tse di maleba, ntle le go tlhaolwa.

Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) e itsisitse bokopano gore go tlhomilwe diphaposi tse di diretsweng go thusa batswasetlhabelo, tse di nayang batho ba ba itemogetseng tirisodikgoka lefelo le le babalesegileng, la sephiri le le ba tshegetsang gore ba kgone go bega dikgetsi tsa tirisodikgoka.

Dantjie o rulaganyeditswe go tsweletsa dipuisano le dithapelo tse di malebana le tirisodikgoka e e ikaegileng ka bong le dipolao tsa basadi (GBVF) kwa dikgaolong tse dingwe mo kgweding ya Diphalane, e leng karolo ya lenaneo la gagwe la maemo a a kwa pele la Re thuse re go thuse ka nako ya Kgwedi ya Tlhabololo ya Loago.

taungdailynews@gmail.com

NPO Director convicted for National Lottery Commission Fund


By AGISANANG SCUFF

15 October 2026 – In an effort to curb crimes committed using non-government organisations, the Kimberley Serious Commercial Crimes Court convicted Nathan Baldwin Ramailane (62) on one count of fraud and two counts of money laundering. Ramailane was charged alongside his NGO Heseqwa Caring Network.

The Hawks spokesperson in Northern Cape, Lieutenant Colonel Tebogo Thebe said, the accused had submitted a request for funding from the National Lottery Commission (NLC). Thebe said the application was approved to the tune of R700 000 and paid to the charitable organisation.

“As part of the monitoring processes, the NLC requested a progress report which was followed by a visit to the organisation’s premises. The organisation was found not to be in operation. A suspected fraudulent report signed by the directors was sent to the (NCL) officials to mislead that the NPO was in operation.

“The NLC instituted an internal investigation into the matter and further laid a complaint with the Hawks Serious Commercial Crimes Investigating unit (SCCI) in Kimberley. The actual loss suffered is R700 000 caused by the conduct of the accused. Investigation revealed the funds were used to purchase a motor vehicle, which was later used for personal reasons by the Director,” he said.

Meanwhile, the Provincial Head of the Directorate for Priority Crime Investigation in the Northern Cape, Major General Stephen Mabuela said: “Ramailane will be sentenced on the 8 December 2026, by Kimberley Serious Commercial Crimes Court. We are hoping for a good sentence that will send the message that crimes committed using NGO/NPO’s will not be tolerated.”

taungdailynews@gmail.com

Six Lesotho nationals in court for alleged theft of essential infrastructure


Picture: A suspected stolen copper cable seized/Generic

By STAFF REPORTER

15 October 2026 – Six Lesotho nationals have appeared in the Odendaalsrus Magistrate’s Court on charges of theft of essential infrastructure and contravention of immigration legislation following the discovery of copper cables in a vehicle allegedly travelling in convoy with another vehicle. The accused, Ntoane Mokoto (42), Nako Lengau (25), Teboho Molupe (42), Major Mohlolo (48), Katleho Ramphaololi (40) and Thuso Leeto (40), appeared in court on 14 October 2026.

The National Prosecuting Authority (NPA) regional spokesperson in the Free State, Mojalefa Senokoatsane said they were arrested on 12 October 2026, following a police operation prompted by a tip-off received regarding two vehicles allegedly transporting copper cables. Senokoatsane said the police stopped a vehicle bearing Lesotho registration plates and discovered rolls of copper cables inside.

“The vehicle had four occupants, including the driver. A second vehicle, a bakkie bearing North West registration plates and carrying two occupants, was also stopped. No copper cables were found in the bakkie.

“The preliminary information indicates that the two vehicles were travelling in convoy and that the owner of the bakkie was a passenger in the vehicle in which the copper cables were found. All six accused are Lesotho nationals,” he said.

Senokoatsane further said the four accused produced passports, which remain subject to verification, while the other two allegedly failed to produce travel or identification documents required to establish their immigration status. He added that the accused allegedly did not provide police with information regarding the origin of the copper cables.

“The relevant municipal infrastructure unit and Eskom are expected to conduct further investigations to establish the ownership and origin of the recovered cables. The matter was postponed to 23 October 2026, for bail information and a possible bail application.

“The NPA views the theft and damage of essential infrastructure in a serious light. Cable theft undermines the delivery of critical services, imposes significant financial costs on the state and affected communities, and compromises the reliability of electricity and other essential services,” said Senokoatsane.

He said the NPA remains committed to prosecuting those who allegedly target essential infrastructure and to ensuring that those responsible are held accountable through the criminal justice system.

taungdailynews@gmail.com