Baithuti ba marematlou ba fudusitswe kwa sekolo sa Tshipietsile morago ga matshosetsi a sepoko


Ka REGINALD KANYANE

10 Ngwanatsele 2026 – Mokhuduthamaga wa nakwana wa Lefapha La Thuto mono Bokone Bophirima, Kenetswe Mosenogi, o kgadile ka bogale go anamisiwa ga tshedimosetso ya maaka ebile e e tsietsang. Tshedimosetso e, e bakileng letshogo mo baithuting ba Mophato wa 12 le barutabana ba ba neng ba le kwa kampeng ya dithuto tsa poeletso ya marematlou kwa sekolong se segolwane sa Tshipietsile kwa motseng wa Morokweng, gaufi le Ganyesa.

Go begwa fa tiragalo e, e diragetse ka di 7 Ngwanatsele 2026, morago ga gore mongwe a dire ditatofatso tsa gore go na le sepoko le gore baithuti ba le bane ba tla swa fa ba tswelela go nna mo lefelong leo. Go ya ka Lefapha la Thuto la Bokone Bophirima, ditatofatso tseo di ne di se na motheo. 

Mosenogi are le fa go ntse jalo, tshedimosetso eo e ne ya neelwa baithuti, mme morago ya anama le mo batsading. Are se, se ne sa baka poifo le tlhobaelo kwa sekolong.

“Pegelo ya ntlha ya lefapha e supa gore seemo se ne sa gakatsega fa baeng ba le babedi ba goroga kwa kampeng, mme ba simolola go bolelela baithuti ka ditatofatso tseo. Seno se ne sa dira gore baithuti bangwe ba tshoge, ba phuthe dilwana tsa bone mme ba ikgolaganye le batsadi ba bone.

“Re kgala ka bogale go anamisiwa ga tshedimosetso e e sa tlhomamisiwang, segolobogolo fa e ama pabalesego, boitekanelo jwa maikutlo le thuto ya baithuti. Go a tshwenya tota gore ditatofatso tse di sa tlhomamisiwang tse di dirilweng ke motho a le mongwe di ka baka poifo e kgolo le go kgoreletsa thuto mo lefelong la go ithuta,” ga rialo Mosenogi.

Mosenogi are dikolo tsa bone le mananeo a tshegetso ya baithuti di tshwanetse go nna mafelo a a sireletsegileng, a a nang le kagiso le a a tsepamisitsweng mo dithutong. Mosenogi are ga ba tshwanelwa ke go letla dikakanyo le puisano e e se nang maikarabelo go senya tshepo ya baithuti, batsadi le barutabana mo mananeong a a tlhametsweng go tshegetsa katlego ya baithuti, segolobogolo mo nakong eno e e botlhokwa ya go kwala ditlhatlhobo tsa bofelo jwa ngwaga.

“Lefapha le tsaya pabalesego le boitekanelo jwa moithuti mongwe le mongwe di le botlhokwa thata. Tshwetso ya gore batsadi ba ye go tsaya bana ba bone e ne ya tsewa ke boeteledipele jwa kgaolo le jwa sekolo ka maikaelelo a go ritibatsa seemo le go thibela gore baithuti ba se ka ba tswelela go tshoga.

“Lefapha le netefaditse gore baithuti botlhe ba tswile mo kampeng ba babalesegile, ba patilwe ke batsadi ba bone. Lefapha le ne la tshwara kopano le batsadi ka di 8 Ngwanatsele 2026, go buisana ka tiragalo eno le go sekaseka dikgato tse di tshwanetseng go tsewa go ya pele. Morago ga dipuisano tse, batsadi ba ne ba dumalana gore baithuti ba fudusediwe kwa sekolong se sengwe se se gaufi, se se bokgakala jwa dimetara di ka nna 800 go tswa kwa sekolong sa Tshipietsile,” Mosenogi wa tlhalosa.

Mosenogi are thulaganyo eno e simolotse ka di 9 Ngwanatsele 2026. Mosenogi o kopile batsadi, maloko a setšhaba le botlhe ba ba nang le seabe mo thutong go nna le maikarabelo fa ba abelana tshedimosetso e e amanang le dikolo le baithuti.

“Re rotloetsa mongwe le mongwe yo o nang le matshwenyego ka pabalesego ya baithuti go begela botsamaisi jwa sekolo kgotsa lefapha gore go dirwe dipatlisiso tse di maleba, go na le go anamisa ditatofatso tse di sa tlhomamisiwang jaaka e kete ke dintlha tsa boammaaruri.

“Re gatelela gape gore lefapha le sa ntse le ikemiseditse go netefatsa gore baithuti ba nna le tikologo e e sireletsegileng le e e ba tshegetsang, segolobogolo mo nakong eno e e botlhokwa ya ditlhatlhobo,” ga rialo Mosenogi.

taungdailynews@gmail.com

Leave a Reply

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.