
Ka OBAKENG MAJE
9 Ngwanatsele 2026 – Sepodisi sa Taung se batlisisa kgetsi ya polao ntle le maikaelelo. Se se tla morago ga gore go bonwe setopo sa mosimanyana wa dingwaga di le 7, kwa mmileng kwa motseng wa Lokgabeng, gaufi le Taung mo letsatsing la Tshipi mo mosong.
Go begwa fa moswi a thudilwe ke sejanaga se go belaelwang e le sa modiro wa Ford Ranger kgotsa Toyota Hilux ya mmala o motala wa tlae ya lee, mme mokgweetsi wa teng a sia kwa lefelong la tiragalo.
Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Sarasanta Kelebogile Morake are setopo sa moswi se bonwe ke mofeti ka tsela se rapaletse kwa mmileng.
“Ga gona ope o tshwerweng go fitlha ga jaana, mme dipatlisiso di tsweletse. Mongwe le mongwe yo a ka tswang a na le tshedimosetso mabapi le kgang e, a ka letsetsa mmatlisisi wa kgetsi, Detective Sergeant Norman Madibe go nomoro ya mogala ya 082 469 0274,” ga rialo Morake.