Bana ba le batlhano ba shetse mo mogwafatshe


Setshwantsho-papiso: Bana ba le ba tlhano ba shetse mo mogwafatshe

Ka OBAKENG MAJE

20 Phukwi 2026 – Bana ba le ba tlhano ba shetse le go tlhokafalela mo mogwafatshe kwa lefelong le le sa tlhomamang la bonno la Sonderwater kwa motsesetoropong wa Ikageng, gaufi le Potchefstroom ka letsatsi la Tshipi. Go begwa fa tiragalo e, e diragetse pele ga bosigo-gare.

Sebueledi sa sepodisi mono porofenseng ya Bokone Boiphirima, Colonel Adele Myburgh are sepodisi se ile sa bilediwa kwa lefelong la tiragalo, mme ba fitlhela mogwafatshe ono, o sentswe ke molelo. Myburgh are le ba thuso ya potlako le bone ba ile ba bilediwa kwa lefelong leo.

“Batlhankela ba thuso ya potlako (Emergency Medical Rescue Services), ba ile ba tsena mo mogwafatshe o, mme ba fitlhela ditopo tsa bana ba le batlhano tse di sheleng. Ba ile ba netefatsa fa bana bao, ba setse ba tlhokafetse. Dipatlisiso tsa go sa le gale, di shupa fa batsadi ba bana ba, e leng motho le ausi wa gagwe, ba ile ba tlogela bana ba ba le nosi morago ga go etela tulo nngwe e e gaufi.

“Ba ile ba itsisiwe ka go runya ga molelo kwa mogwafatsheng wa bone. Ba ile ba tabogela kwa lefelong leo ga mmogo le bangwe ba baagi, mme ba leka go tima molelo o. Fela ka maswabi, matsapa a bone e nnile a bophiri gonne tulo eo ga e kgone go tsamaega,” Myburgh wa tlhalosa.

Myburgh are bana ba dingwaga di le 1,7 le 9, ke ba motsadi a le mongwe fa ba dingwaga di le 1 le 8, e le ba motsadi o mongwe. Are se se tlhodileng molelo ga se itsiwe go fitlha ga jaana.

“Sepodisi se ikuela go baagi go nna kelotlhoko le go efoga go ka runya ga molelo. Baagi ba kopiwa go se tlogele kerese, setofo sa paraffin, kgotsa molelo mongwe le mongwe o tuka o le nosi. Baagi gape ba kopiwa go tima dikerese, dihitara kgotsa didiriswa tsa molelo pele ga ba ya go robala. Se beye dikerese, dihitara, kgotsa sengwe se se tukang gaufi le bolao.

“Gape, re ikuela go batsadi go se tlogele bana ba le nosi. E, ke tiragalo ya bobedi mo dibekeng di le pedi. Mo tiragalong ya ntlha, masea a le mabedi a mawelana a dikgwedi di le nne, a ile a tlhokafala kwa lefelong la bonno jo bo sa tlhomamang kwa Hashtag teng kwa motsesetoropong wa Ikageng fa kgwedi ya Phukwi e ne e tlhola matsatsi a le 6. Go begwa fa masea ao, le one a shetse mo mogwafatsheng,” Myburgh wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.