Monna o atlholetswe botshelo jotlhe kwa kgolegelong mabapi le petelelo


Ka OBAKENG MAJE

7 Phukwi 2026- Monna wa dingwaga di le 21 o atlholetswe botshelo jotlhe kwa kgolegelong ke kgotlhatshekelo ya sedika ya Atamelang. Go begwa fa Monnapula Abel Lobese a ile a betelela mosetsanyana wa dingwaga di le 15 fa kgwedi ya Phukwi e ne e tlhola matsatsi a le 19 ka ngwaga wa 2019.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Captain Majang Skalkie, motswasetlhabelo o ne a tsamaya le tsala ya gagwe go ya kwa garage ya peterolo (Filling Station) kwa Setlagole fa ba ne ba kgorogelwa ke Lobese. Skalkie are Lobese o ile a ba tshosetsa ka thipa, mme ba leka go tshaba.

“Lobese o ile a tshwara motswasetlhabelo le go mo gogela kwa ntlung nngwe ya letlotla kwa a ileng a mo betelela gone.

“Kgetsi ya petelelo e ne ya bulwa, Mme seo se ile sa lebisa kwa go tshwarweng ga ga Lobese. Kgotlhatshekelo ya sedika ya Atamelang, e ile ya bona Lobese molato le go mo atlholela botshelo jotlhe kwa kgolegelong,” Skalkie wa tlhalosa.

Kgabagare, Mokomishinara wa nakwana mono porofenseng ya Bokone Bophirima, Major General Rayno Naidoo o akgotse mmatlisisi wa kgetsi, Detective Sergeant Modisaotsile Otto ka tiro e manontlhotlho e a e dirileng mabapi le go batlisisa kgetsi e. Naidoo are sepodisi se tlile go dira mmogo le lephata la bosekisi mabapi le go lwa kgatlhanong le tshotlakako ya bong.

taunhdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.