Monna o tlhagelela kwa kgotlhatshekelo mabapi le polao


Ka REGINALD KANYANE

6 Phukwi 2026 – Monna wa dingwaga di le 25 o solofetswe go tlhagelela kwa kgotlhatshekelo ya Brits mabapi le polao. Go begwa fa monna o, a ile a thuntsa le go bolaya monna wa dingwaga di 51 mme a latlhela setopo sa gagwe kwa mmileng kwa motseng wa Letlhakaneng, gaufi le Letlhabile.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Captain Majang Skalkie are tiragalo e, e diragetse fa kgwedi ya Seetebosigo e tlhola matsatsi a le masome a le mararo ka ura ya 10:30 bosigo. Skalkie are baletamotse ba ba neng ba tlhokometse motse wa bone, ba ile ba bona sejanaga sa modiro wa Volkswagen Polo se ema kwa mmileng le go latlhela setopo sa monna mongwe kwa mmileng o.

“Go begwa fa setopo sa monna o sa itsiweng se ne sa latlhelwa mo thoko ga tsela pele ga sejanaga seo se inaya naga. Baletamotse ba, bai le ba letsetsa sepodisi. Moswi o fitlhetswe ka dintho tsa go thuntshiwa. Batlhankedi ba potlako ba ile ba bilediwa kwa lefelong la tiragalo, mme ba tlhalosa fa monna o a setse a tlhokafetse,” Skalkie wa tlhalosa.

Skalkie are kgetsi ya polao e ile ya bulwa, mme go ile ga bolodiwa dipatlisiso. Skalkie are sepodisi se ile sa dirisa ikwadiso ya sejanaga seo go batlana le mmelaelwa.

“Mmelaelwa o ile a tshwarwa fa kgwedi ya Phukwi e tlhola matsatsi a le mabedi. Dipatlisiso tse di tseneletseng, di dirile gore sepodisi se fitlhelele madi a motswasetlhabelo mo tlase ga setulo mo sejanageng sa mmelaelwa ga mmogo le sethunya sa AK-47.

“Sepodisi se ile sa thopa sethunya seo sa AK-47 ga mmogo le sethunya ya pistol go tswa go mmelaelwa. Ga jaana, dithunya tseo, di ile go lekolwa gore a ga di amege mo bosinying jo bongwe gape. Dipatlisiso tsa go sa le gale di shupa fa polao e ka tswa e golaganngwa le dikgogakgogano mabapi le madi,” Skalkie wa tlhalosa.

Are mmelaelwa o solofetswe go tlhagelela ka boripana kwa kgotlhatshekelo ya Brits mo letsatsing la gompieno mabapi le polao.  

Kgabagare, mokomishinara wa sepodisi wa nakwana mono Bokone Bophirima, Major General (Dr) Ryno Naidoo, o kgadile ka bogale polao e e setlhogo e, le go akgola babatlisisi ba kgetsi ka ntlheng ya matsetseleko a ba a dirileng mo kgetsing e.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.