
Setshwantsho: Molatofadiwa wa polao, Merkose Desaleng/Facebook
Ka OBAKENG MAJE
6 Phukwi 2026 – Kgetsi ya polao kgatlhanong le monna wa kwa nageng ya Ethiopia, Merkose Desaleng (29), e buseditswe morago go fitlha kgwedi eno ya Phukwi e tlhola matsatsi a le 13. Desaleng one a tshwarwa le go latofadiwa ka polao ga mmogo le go nna mo nageng ya Afrika Borwa ntle le ditlankana tse di maleba.
Go begwa fa Desaleng yo o nang le lebenkele kwa motseng wa Magogoe Tshepang, gaufi le Mahikeng, a ne a tlhaba Obakeng Santo morago ga gore go tsoge ngangisano magareng ga bone kwa lebenkeleng leo.
Sebueledi sa sepodisi mono porofenseng ya Bokone Bophirima, mokaptein Majang Skalkie are tiragalo e, e diragetse fa Phukwi a tlhola letsatsi ka ura ya 4:30pm. Skalkie are go begwa fa molatofadiwa a tlhabile moswi ka sengwe se se bogale morago ga kgakgauthano.
“Santo o ile a tabogisediwa kwa kliniking ya selegae, fela o ile a begwa fa a setse a tlhokafetse. Kgetsi ya polao e ile ya bulwa, mme seo se ile sa lebisa kwa go tshwarweng ga molatofadiwa. Desaleng o tlhageletse ka boripa kwa kgotlhatshekelo ya Mmabatho.
“Kgetsi ya gagwe e buseditswe morago go rulaganyetsa molatofadiwa moranuledi,” Skalkie wa tlhalosa.
Kgabagare, mokomishinara wa nama-o-sa-tshwere wa sepodisi mono Bokone Bophirima, Major General (Dr) Ryno Naidoo, o kgadile ka bogale tiragalo e, mme o amogetse go tshwarwa ga ga Desaleng.