
Ka OBAKENG MAJE
1 Phukwi 2026 – Monna wa dingwaga di le 37 o tshwerwe mabapi le ditatofatso tsa go tshola nama ya Kgomo e go belaelwang e utswitswe. Go begwa fa batlhankela ba sepodisi ba ne ba tsweletse ka tiro ya bone ya go parega dijanaga kwa tselakgolo ya N18 gaufi le motse wa Dryharts, mono Taung, fa kgwedi ya Seetebosigo e ne e tlhola matsatsi a le 30 ka ura ya bo lesome nngwe bosigo, fa ba ne ba emisa mokgweetsi wa sejanaga sa modiro wa Toyota Conquest se se podudu ka mmala.
Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Sarasanta Majang Skalkie are batlhankela ba sepodisi ba ne ba phuruphutsha sejanaga seo, mme ba fitlhela nama ya kgomo e apesitswe ka kobo mo butung ya sejanaga se. Skalkie are monna o, o ne a shadikanya matlho fa a bodiwa gore o tsaya kae nama e kana-kana.
“Batlhankela ba sepodisi ba ne ba tshwara monna yo le go mo latofatsa ka bogodu jwa nama e go belaelwang fa e utswilwe.
“Sepodisi se boloditse dipatlisiso le go batlana le mong wa kgomo eo. Gape, dipatlisiso di tsweletse mabapi le go tlhomamisa fa monna o, a sa amane le bogodu jwa leruo,” Skalkie wa tlhalosa.
Monna o, o solofetswe go tlhagelela ka boripa kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la kamoso.
Kgabagare, mokomishinara wa sepodisi wa nama-o-sa-tshwere mono Bokone Bophirina, Major General Ryno Naidoo, o akgotse batlhankela ba sepodisi sa seteishene sa Pudimoe ka go nna pudi matseba. Naidoo are go botsha fa sepodisi se ikemiseditse go lwa kgatlhanong le bogodu jwa leruo.