Malome o bolaile setlogolo ka thipa


Ka OBAKENG MAJE

16 Seetebosigo 2026 – Monna wa dingwaga di le 23 o tlhabile le go bolaya motlogolowe wa dingwaga di le 8 pele ga a ka tsaya botshelo jwa gagwe kwa motse-setoropong wa Kanana, kwa Orkney. Go begwa fa lekawana le, le ile la itatlhela mo ntlung kwa le fitlhetseng mogolowe a dutse le bana ba gagwe ba le babedi.

Sebueledi sa sepodisi mono Bokone Bophirima, Konstabole Thuto Bobelo are go begwa fa lekawana le, le ile la phamola motlogolowe wa mosetsanyana, mme a itotlelela le ene kwa phaphosing ya go tlhapa. Bobelo are go begwa fa a ile a tlhabakaka ngwana o mo thamong ka thipa.

“Mmagwe ngwana o, o ile a siela kwa ntle le go batlana le thuso. Go begwa fa a ile a bona sejanaga sa sepodisi se se neng se feta, mme a itsise batlhankela bao ba sepodisi ka masetlapelo a. Ka motsi wa go goroga ga sepodisi kwa lelapeng le, ba ile ba utlwa selelo sa ngwana o go tswa ka phaphosing eo.

“Batlhankela ba ba sepodisi, ba ile ba patelesega go roba lebati la phaphosi e e tlhapang eo, maitlhomo e le go pholosa mosetsanyana o. Go begwa fa mosetsanyana o, a ile a kgona go tswa mo phaphosing eo,” Bobelo wa tlhalosa.

Bobelo o tlhalositse fa monna o, a ile a kgona go tswala lebati la phaphosi eo gape. Bobelo are batlhankela ba sepodisi ba ile ba kgona go roba lebati leo, mme ba fitlhela monna o ka dintho tsa go tlhabiwa mo dimpeng, mo sehubeng le mo thamong.

“Mosetsanyana o, o ile a tabogisediwa kwa kliniking ya selegae, fela o ile a tlhokafala moragonyana. Go begwa fa monna o, a ile a tlhokafalela kwa lefelong la tiragalo. Sebakwa sa tiragalo e, ga se itsiwe go fitlha ga jana,” Bobelo wa tlhalosa.

Kgabagare, mokomishinara wa nakwana wa sepodisi mono Bokone Bophirima, Major General (Dr) Ryno Naidoo, o kaile fa a makaditswe ke tiragalo e. Naidoo are ga gona ngwana ope o tshwanelwang ke go nna motswasetlhabelo wa tiriso dikgoka, segolo bogolo jang go ntswa mo diatleng tsa leloko la lelapa.

“Masetlapelo a, a diragetse pele ga letsatsi la basha la 16 Seetebosigo, mme a tlisa segopotso se se maswe sa gore baagi ba ba senang molato ba tsweletse go latlhegelwa ke matshelo a bone ka ntlheng ya tiriso dikgoka.

“Re ikuela go baagi go ela tlhoka matshwao a kgatelelo ya monagano ga mmogo le dikgogakgogano. Tshotlakako ya bong e tsweletse go nna tlhoba-boroko mo setshabeng, mme go tlhokega tirisano-mmogo go ka ema kgatlhanong le yone,” Naidoo wa tlhalosa.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.