Monna o thuntsitse lekgarebe la gagwe, lesea pele ga a ipolaya kwa Tlolas


Ka OBAKENG MAJE

8 Seetebosigo 2026 – Sepodisi mono Taung se batlisisa kgetsi ya morago ga loso le dikgetsi di le pedi tsa maiteko a polao. Se, se tla morago ga gore monna wa dingwaga di le 36, eleng Tebogo Seboko, go begwe fa a thuntsitse lesea la gagwe la dikgwedi di le thataro ga mmogo le lekgarebe la gagwe la dingwaga di le (18).

Go begwa fa tiragalo e, e diragetse ka letsatsi la Tshipi kwa motseng wa Khibitswane Extension kgotsa Tlolas jaaka o itsege mono Taung.  Go begwa fa Seboko a ile a ithuntsa morago ga moo.

Sebueledi sa sepodisi mono sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen, are ba thuso ya potlako ba ile ba biletswa kwa lefelong la tiragalo. Van Rooyen are moswi le batswasetlhabelo ba ile ba tabogisetswa kwa bookelo jwa selegae go bona thuso ya potlako.

“Fela, moswi o ile a tlhokafala mo mosong wa Moshupulogo kwa bookelong, fa lekgarebe la dingwaga di le 18 ga mmogo le lesea la gagwe ba kokotlegela sentle kwa bookelong. Go begwa fa sethunya se moswi a se dirisitseng se le mo molao.

“Sepodisi se butse dikgetsi di le pedi tsa maiteko a polao ga mmogo le kgetsi ya morago ga loso. Dipatlisiso di tsweletse,” van Rooyen wa bega.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.