![](https://taungdailynews.com/wp-content/uploads/2024/05/a7204d9d-24e8-415d-ac66-9d9980449d1d-1.jpg?w=1024)
Ka OBAKENG MAJE
Rakgwebo o a itsegeng wa selegae, gape eleng leloko la komiti ya sedika ya lekoko le le busang la ANC, Tshidi Moreane are, ba tlhabisitswe ditlhong ke go bolawa setlhogo ga lekgarebe, Tlotlang Sebego (18) kwa motseng wa Moretele, gaufi le Taung, mo letsatsing la gompieno. Setopo sa ga Sebego se sene sena le dintho tsa go teketiwa, se bonwe ke mofeti-ka-tsela kwa nageng.
Go begwa fa moithuti ono wa Grade 10 go tswa kwa sekolong se segolwane sa Jerry, a ne a bonwa labofelo ka di 4 Motsheganong 2024.
Moreane are ba ile ba amogela mogala go tswa kwa mongwe wa baagi mo letsatsing la gompieno, mme a ba itsise ka ga tiragalo e setlhogo e. Moreane are, go bonala fa tiragalo e, ele ya mafelo a beke.
“Jaanong, jaaka lekoko le le busang la ANC, re ile ra etela lefelo la tiragalo, ga mmogo le balekgotlha ba ba farologaneng. Re ile ra nna le puisano le ba lelapa, mme re ile ra leka go ba thoba maikutlo morago ga tiragalo e maswe e.
“Re le lekoko la ANC, re kgala ka bogale tiragalo e, mme re ikuela go sepodisi gore se tsholetse dinao mo go tshwareng ga badiri ba tiro e maswe e. Go diragala dilo tse di maswe thata mo motseng wa rona wa Taung, mme bana ba basetsanyana, ga mmogo le basadi ga ba sireletsega.
Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Warrant Officer Tryphosa van Rooyen are: “Ke nnete sepodisi se ile sa itsisiwe ka tiragalo e maswe e, morago ga gore mongwe wa baagi a lome sepodisi tsebe. Setopo sa moswi se bontsha fa se ne se na le dintho tsa go teketiwa. Kgetsi ya polao e butswe, mme dipatlisiso ditsweletse. Go fitlha ga jaana, ga go ope o tshwerweng, mme sepodisi se ikuela go mongwe le mongwe o a ka tswang ana le tshedimosetso, a itsise seteishene sa sepodisi se se gaufi.”