Modulasetilo wa Re Aga Taung Civic Organisation, Modisaotsile Lebitse o solofetswe go dira kopo ya beile


Setshwantsho: Modulasetilo wa Re Aga Taung Civic Organisation, Modisaotsile Lebitse   

Ka OBAKENG MAJE

Modulasetilo wa mokgatlho wa baagi wa Re Aga Taung Civic Organisation, Modisaotsile Lebitse o solofetswe go dira kopo ya beile kwa kgotlhatshekelo ya Taung mo letsatsing la gompieno. Seno se tla morago ga gore Lebitse a tshwarwe, mme o latofadiwa ka thopa ka dikgoka monna mongwe teng mo Taung ka ngwaga wa 2017.

Go begwa fa sepodisi se ile sa golaganya Lebitse le kgetsi e ya go thopa ka dikgoka ka dikgatiso tsa menwana ya gagwe e e bonweng mo sejanageng sa mongongoregi.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.