Taung College of Agriculture e fetolelwa go setheo sa Thuto e Kgolwane


Ka OBAKENG MAJE

Setheo sa Katiso sa temo-thuo, Taung College of Agriculture se tlile go rebolwa jaaka kholeje ya Thuto go simologa 1 Moranang 2023. Kitsiso eno, e dirilwe ke ba lefapha la Thuto e Kgolwane, Saense le Boitshimololedi (Department of High Education and Training).

Go ya ka rre Athenkosi Sibiza go tswa kwa kantorong ya molaodi-kakaretso kwa lefapheng la Thuto e Kgolwane, Saense le Boitshimololedi, are kitsiso e, e dirilwe go latela karolo 21 (3)(b)(i) ya molao wa thuto e kgolwane Nr 101 2997 jaaka o mametleletswe.

ā€œFano go neelanwa ka kitso gore ka 1 Moranang 2023, Tona ya Thuto e Kgolwane, Saense le Boitshimololedi o ikaelela go rebola Taung College of Agriculture e e kwa Taung jaaka kholeje ya Thuto go latela karolo 21(3)(a) ya molao wa thuto e kgolwane, Nr 102 wa 1997 jaaka e mametleletswe.

ā€œMabaka a thebolo e ya kholeje jaaka kholeje ya Thuto e Kgolwane ke gore, Sejule 4 ya Molaotheo wa Afrika Borwa e netefatsa gore thuto e kgolwane ke tshwanelego ya bosetshaba. Lefapha la thuto e kgolwane (DHET) le tlhamilwe go kgontsha neelano ka thuto e kgolwane e e momaganeng le go tlhalosiwa sentle, thuto ya ditiro mmogo le tlhabololo ya dikgono go dirisiwa ditheo tse di farologaneng tsa thuto morago ga sekolo,ā€ Sibiza wa tlhalosa.

Gape Sibiza are, DHET, lefapha la temo-thuo mmogo le lefapha la ntshwafatso ya mafatshe le tlhabololo ya magae, a tsene go tumalano ya porothokholo go dirisana mo go mekamekaneng le maikarabelo a mokopanelwa a thuto le go dira mmogo go rebola dikholeje tsa setshaba tsa temo-thuo jaaka kholeje ya thuto e kgolwane eo e leng nngwe ya mefuta ya semolao e e akantsweng go molao wa thuto e kgolwane.

Are, kholeje ya thuto e kgolwane ke setheo se se ikemetseng se se dirang fa gare ga sebopego sa bobusi mo tlase ga lefapha la bosetshaba.

ā€œDikholeje tse, di tla letlelelwa go neelana ka ditifikheiti, dipoloma le digerata fa di fitlheletse ditlhokego tsa tumelelo ka khansele ya thuto e kgolwane, mme ditshwanelego tseno di kwadisitswe go letlhoneso la bosetshaba la ditshwanelego ke bolaodi jwa ditshwanelego jwa Afrika Borwa.

“Kitsiso eno e rebotswe go latela karolo 21(3)(b)(i) ya molao wa thuto e kgolwane, go gwetlha batho botlhe bao banang le kgatlhego go rulaganya ditlhagiso tse di kwadilweng tse di malebana le thebolo e e akantsweng,ā€ Sibiza wa tlhalosa.

Kgabagare, ditlhagiso tsotlhe di tshwanetse go romelwa go kantoro ya molaodi-kakaretso, mme di lebisiwe go rre Athenkosi Sibiza ka emeile go Siziba.A@dhet.gov.za kgotsa ka tiriso nngwe fela e e amogelesegang semolao ya tlhaeletsano. Di tshwanetswe go fitlha go kantoro eno pele ga 16 Ferikgong 2023.

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.