Ka OBAKENG MAJE
Mokgatlho o eseng wa puso wa Relebone Young People’s Organisation wa kwa motseng wa Lokgabeng gaufi le Taung, o tlhotse o tshwere keteko-moletlo wa ntwa kgatlhanong le tshotlakako ya basadi le bana mo letsatsing la gompieno. Sebui segolo kwa moletlong o, ene ele mokgogo wa sekolo-potlana sa Setshwarapelo, Obed Sekawana.
Sekawana o rotlweditse thata gore go nne le tekatekano magareng ga bo rre le bomme. Gape o ikuetse go borre go se dirise maatla a bone go ka gatelela bomme.
“Go sa utlwaneng le go nna le dikakanyo tse di farologaneng ga go neele ope maatla a go ka keteka. Borre ba le bantsi ba na le go bua puo ya gore, o mang gore o katla go nkganetsa mo gaaka?
“Gape, ba feleletsa ba re ke bone ditlhogo tsa malapa. Fela, nnete ke gore ga re gane gore rre ke tlhogo, mme re kopa gore re lebelele seemo sa tlhogo gore ke se se ntseng jang. Noga ena le thamo, mme e itse metsamao yotlhe ya tlhogo,” Sekawana wa tlhalosa.
O kaile fa tlhogo e ka seke ya sheba go sele, mme thamo e seo. Gape, Sekawana are, ga gona gore tlhogo e ka nagana sengwe, mme thamo e seo.
“Jaanong, ha o le rre o le tlhogo, itse gore mosadi ke thamo. Mo tlotle fa ana le maikutlo a farologaneng le a gago, gonne bobedi bo bolaya noga. Re tshwanelwa ke gore re rate basadi ba ba rona ga mmogo le bomme ba. Bare Modimo ha fetsa go tlhola sengwe le sengwe mo lefatsheng, o ile a bopa Adam.
“Mme ene ya re a lemoga gore Adam o jewa ke bodutu, one a mo direla molekane eleng Efa go tswa mo legopong la gagwe. Rona re le borre, re a patelesega gore re fetole tsela e re akanyang ka yone. Fela, seo se tla diragala fa re ka simolola go tsaya batho ba bo mme ka go lekana mo ditseleng tsotlhe tsa botshelo,” Sekawana wa tlhaosa.
Are jaaka setshaba, ba na le kgwetlho e kgolo ya go ka godisa bana ba basimane le go ba ruta gore basimane le basetsanyana ba lekana. Sekawana are ngwana wa mosetsanyana ga tlhodiwa go nna mmotlana go ngwana wa mosimane.
Motsamaise wa setheo, Charity Kujane o kaile fa moletlo o, ele wa ngwaga le ngwaga. Kujane are ba tlhomile setheo se ka ngwaga wa 2019, mme o kwadisitswe semmuso.
“Maitlhomo le maikaelelo a mokgatlho o wa rona, ke go thusa bana ba dingwaga tse dileng magareng ga 13-25 gore ba kgone go ribolola bokgoni jwa bone. Gape, re leka le go ema kgatlhanong le dikgwetlho tse di amang matshelo a bone jaaka tiriso e botlhatswa ya diritibatsi, tshotlhakako ya bong le tse dingwe.
“Mo letsatsing la gompieno, mokgatlho o ketikile tlhomo semmuso ya matsatsi ale some-thataro kgatlhanong le tshotlhakako ya bong, segolo bogolo mo basading le mo baneng. Gareng ga batsenela moletlo go ne go na le kemedi go tswa kwa kgotlha-theo molao ya bosetshaba, Bridget Tlhomelang,” Kujane wa tlhalola.
Kgabagare, mokhuduthamaga wa katlatlelo-leago mo Bokone Bophirima, Boitumelo Moiloa are: “Dipalopalo tsa ditshotlakako kgatlhanong le basadi le bana di ntse di fokotsega. Jaanong, re tshwanelwa ke gore re eme ka maoto. Re ikuela mo go lona bagaetsho gore le bege ditiragalo tsa tshotlakako kgatlhanong le basadi le bana. Ha o itse gore moagisani wa gago o dula le seganka, ebile se dula fela se mo digela dingalo, se didimale, gonne ke maikarabelo a rona re le setshaba go ka begela sepodisi ka ditiragalo tseo.
“Le fa o sa bue leina la gago, go bega dikgetsi tseo go ka pholosa botshelo jwa moagisani. A re tlogele go fitlha ditiragalo tsa tshotlakaka kgatlhanong le basadi le bana, gonne ke rona re tlileng go lela fa mongwe wa losika a ka latlhegelwa ke botshelo,” Kujane wa tlhalosa.
O kaile fa dikgetsi tsa tshotlakako kgatlhanong le basadi le bana di etegela kwa sedikeng sa Ngaka Modiri Molema. Moiloa gape o kopile gore setshaba se seka sa fitlha batho ba ba tsweletsang ditlhekefetso kgatlhanong le basadi le bana.