Theetso ya beile e potlakileng mo kgetsing ya polao e busediwa morago!


Ka REGINALD KANYANE

Theetso ya beile e e potlakileng mo kgetsing ya polao kgatlhanong le motshameki wa maloba o diphatsa wa setlhopa sa kgwele ya dinao sa Mighty Boys FC, yo ga jaana eleng rakgwebo, Bakang “Mahomed” Katong (31), e tlhotse e busiditswe morago go fitlha 10 Ferikgong 2023 ke kgotlha-tshekelo ya Taung.  

Bakang yo go begwang a rekisa seritibatsi sa nyaope, o ikuela gore a gololwe ka beile ga mmogo le balatofadiwa nae, Thabang Lenyai (23), Katlego Mosimege (31) le Phenyo Katong (34).  

Bakang o letse a shadikantse matlho fa pele ga kgotlha-tshekelo le go neelana ka mabaka a gore, goreng a tshwanetse go neelwa beile. Magistrata one a utlwa fa Bakang gape a lebagane le kgetsi ya petelelo e a e sekang, mme a le mo beileng.

Jaanong, morrwa-rragwe Bakang, Phenyo Katong o tlhotse a neelana ka mabaka a gore, goreng a tshwanetse go neelwa beile.  

Balotofadiwa bale bane, ba ne ba tshwarwa ka kgwedi ya Moranang 2022 le go latofadiwa ka polao e setlhogo ya ga Thabiso Mothibedi (35). Tiragalo e, e diragetse kwa motseng wa Manthe gaufi le Taung.

Go begwa fa Mothibedi yo go kaiwang fa a ne a goga seritibatsi sa nyaope, a ne a tsena kwa ntlung ya ga Katong, mme a utswa matsebetsebe a madi a balelwang go R20 000 ga mmogo le motsoko wa boleng jwa R600. Go begwa fa morago ga tiragalo eno, Mothibedi one a le botsa phokoje le go leba kwa motseng wa Longaneng.

Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Capt Sam Tselanyane, o bega fa segongwana seno sa banna ba ba neng ba tshakgetse, ba ne ba tswa letsholo le go batlana le Mothibedi. Go kaiwa fa ba ne ba mo fitlhela ale ko ga mothakga kwa motseng wa Longaneng.

“Dipatlisiso tsa sepodisi di supa fa segongwana seno sa banna, sene sa thopa Mothibedi ka dikgoka, mme ba leba le ene kwa motseng wa Manthe. Go begwa fa bane ba fitlha ba mo gokelela mo genereiteng, mme ba mo digela dingalo go utlwala.

“Dipaltisiso tsa sepodisi di supa fa banna ba, ba ne ba mo itlhaganedisa kwa kliniking ya selegae morago ga go lemoga fa a neela mowa. Go begwa fa Mothibedi a ne a netefadiwa fa tlhokofetse kwa kliniking. Balatofadiwa ba ne ba tshwarwa le go latofadiwa ka polao,” Tselanyane wa bega.

Tiragalo e, e ne ya tshakgatsa baagi ba motse wa Manthe. Ene ya re ka di 1 Motsheganong 2022, baagi ba ne ba tswa letsholo le go fisa dintlo dile tharo tsa balatofadiwa ga mmogo le go ja sejanaga sa bone sa mabaibai ka molelo.

Banna ba, ba ne ba tswelela go ka shadikanya matlho fa pele ga kgotlha-tshekelo makgetlho a le mmalwa. Fela kgetsi ya bone ene ya busediwa morago go fitlha di 15 Tlhakole 2023. Go kaiwa fa banna bano, ba ba kwa ntlo-lefitshwana, ba ne ba dira kopo e potlakileng ya beile.

taungdailynews@gmail.com