
Ka REGINALD KANYANE
Motshameka-pele o di phatsa wa maloba wa setlhopa sa selegae sa Mighty Boys FC kwa motseng wa Manthe gaufi le Taung, o boela kgotlha-tshekelo ka Labobedi go lopa beile. Bakang “Mahomed” Katong (31) yo jaanong eleng rakgwebo, gape a latofadiwa ka go rekisa seritibatsi sa nyaope, o latofadiwa ka go bolaya Thabiso “W” Mothibedi (35) kwa motseng wa Manthe gaufi le Taung.
Go begwa fa Bakang ga mmogo le balatofadiwa nae, Thabang Lenyai (23), Katlego Mosimege (31) le morwa rragwe, Phenyo Katong (34), ba ne ba bolaya Mothibedi setlhogo fa kgwedi ya Mopitlwe ene e tlhola matsatsi ale 29 mono ngwaga.
Go begwa fa Mothibedi yo go kaiwang fa a ne a goga seritibatsi sa nyaope, a ne a tsena kwa ntlung ya ga Katong, mme a utswa matsebetsebe a madi a balelwang go R20 000 ga mmogo le motsoko wa boleng jwa R600. Go begwa fa morago ga tiragalo eno, Mothibedi one a le botsa phokoje le go leba kwa motseng wa Longaneng.
Go ya ka sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Capt Sam Tselanyane, go begwa fa segongwana seno sa banna ba ba neng ba tshakgetse, ba ne ba tswa letsholo le go batlana le Mothibedi. Go kaiwa fa ba ne ba mo fitlhela ale ko ga mothakga kwa motseng wa Longaneng.
“Dipatlisiso tsa sepodisi di supa fa segongwana seno sa banna, sene sa thopa Mothibedi ka dikgoka, mme ba leba le ene kwa motseng wa Manthe. Go begwa fa bane ba fitlha ba mo gokelela mo genereiteng mme ba mo digela dingalo go utlwala.
“Mme go begwa fa ba ne ba mo itlhaganedisa kwa kliniking ya selegae morago ga go lemoga fa a neela mowa. Go begwa fa Mothibedi a ne a netefadiwa fa tlhokofetse kwa kliniking. Balatofadiwa ba ne ba tshwarwa le go latofadiwa ka polao,” Tselanyane wa bega.
Tiragalo e, e ne ya tshakgatsa baagi ba motse wa Manthe. Ene ya re ka di 1 Motsheganong 2022, baagi ba ne ba tswa letsholo le go fisa dintlo dile tharo tsa balatofadiwa ga mmogo le go ja sejanaga sa bone sa mabaibai ka molelo.
Banna ba, ba ne ba tswelela go ka shadikanya matlho fa pele ga kgotlha-tshekelo makgetlho a le mmalwa. Fela kgetsi ya bone ene ya busediwa morago go fitlha di 15 Tlhakole 2023. Go kaiwa fa banna bano ba ba kwa ntlo-lefitshwana, ba ne ba tsenya kopo ya beile e potlakileng.
Ba ne ba neelwa tshono eo, mme ene ya re ka Labobedi wa beke e fitileng, balatofadiwa ba ne ba tshwanelwa ke go ipobola. Fela go ne ga dira jalo Lenyai ga mmogo le Mosimege morago ga gore Katong a latlhegelwe ke bana ba basimane ba le babedi. Go ya ka tshedimosetso ya sepodisi, bana ba ga Katong, ba ne ba le magareng ga basimane ba le bane ba ba magareng ga dingwaga dile 5 le 7, ba neng ba nwela kwa molapong fa ba ne ba ile go thuma.
Kgotlha-tshekelo ya Taung, e tla reetsa maiteko a beile a banna bano gape ka Labobedi.