‘Masepala o fedisa ditulo tse di sa tlhomamang’


Ka OBAKENG MAJE

Lekoko la sepolotiki la Economic Freedom Fighters (EFF) kwa masepaleng wa selegae wa Lekwa-Teemane, la re le amogela tshwetso ya masepala ya go ka fedisa ditulo tse di sa tlhomamang. Go ya ka lekoko, bontsi jwa baagi ba tshelela mo tshotlhegong, mme seno se ama maemo a bone a botshelo.

Sebueledi sa lekoko mo porofenseng ya Bokone Bophirima, Fanon Moema are, tshitshinyo (motion) eno, e tlhagisitswe ke lekoko la gagabo la EFF kwa khanseleng ya masepala ka di 5 Sedimonthole 2022.

“Maitlhomo le maikaelelo a tshitshinyo e, ke go netefatsa fa baagi ba rona ba ba dulang mo ditulong tse di sa tlhomamang go ralala masepala, ba bona ditlhabologo jaaka metsi, kgelelo-leswe, ga mmogo le dipone mo ditulong tsa bone. Ga se bofitlha gore lekoko la sepolotiki la ANC, le ikgatolositse bontsi jwa baagi ba rona, segolo bogolo jang ba ba dikobo dikhutsane.  

“Seno se ntse se diragala dingwaga dile dintsi, mme re itemogetse fa ANC e tsweletse fela go ka kgotsofatsa setlhotswana fela se se rileng sa batho. Fela lekoko la EFF le ne la tsaya tshwetso le maikano gore le tlile go ka fetola seo. Jaaka lekoko, re tlile go ka lwela ditshwanelo tsa baagi ba ba dikobo dikhutswane le go nere ditlhabologo mo matshelong a bone,” Moema wa tlhalosa.

Moema are, jaanong ba itumeletse gore baagi ba kwa Extension 12 le 13 kwa motse-setoropong wa Boitumelong gaufi le Bloemhof, go akaretse le baagi ba kwa Extension 4 kwa Geluksoord, gaufi le Christiana, ba tlile go bona ditlhabologo morago ga dingwaga dile supa. 

Are ditlhabologo tse, di tlile go tlisa seriti mo baaging, ebile di tlile go netefatsa fa maemo a bone a boitekanelo a tokafala.     

Kgabagare, majoro wa masepala, Sebang Motlhabi are, tshwetso eno e tla morago ga gore masepala o e tsenye tirisong. Motlhabi are, masepala one o setse o gatetse pele mo go fediseng ditulo tse di sa tlhomamang ka diperesente di le masome a supa.  

“Re mo letsholong la go fedisa ditulo tse di sa tlhomamang. Jaanong tumalano e, e tla mme masepala o sentse o gatetse pele le go ka tsweletse porogorama eo. Re tlile go tlhoka baitsanape ba ba tla tlang go lekola lefatshe le re tlileng go aga matlo le go hudusetsa baagi kwa go lone. Baitsanape bao, ba tlile go ka tla ka mmepe le go netefatsa fa tulo eo e sireletsegile go ka dula batho.  

“Mme seo, se tlile go thusa masepala gore o itse fa tulo e batho ba ba tlabe ba hudisediwa go yone e tlabe e ntse jang. Se se setseng ke gore re itse lenane ga mmogo le palo ya batho ba ba tla hudisediwang kwa go lone. Jaanong, se se tlileng go diragala ke gore, masepala o itse gore madi a tla dirisiwang mo porogorameng eno ke bokae,” Motlhabi wa tlhalosa.  

Are masepala o tshwanetse o neelane ka ditirelo jaaka metsi, dipone ga mmogo le kgelelo-leswe go baagi bao. Motlhabi are fela seo, se tlile go tlhoka tirisano mmogo ya masepala wa sedika ga mmogo le lefapha la matlo mo porofenseng.       

taungdailynews@gmail.com

Leave a comment

This site uses Akismet to reduce spam. Learn how your comment data is processed.