
Ka KEDIBONE MOLAETSI
Barua-kgomo mo motseng wa Taung, ba kaile fa bogodu jwa leruo bo tlisa tlhaka-tlhakano mo matshelong a bone gonne ba itshidisa ka lone. Barua-kgomo, bano, ba akgotse sepodisi morago ga go tshwarwa ga monna mongwe wa mmueledi wa semolao kwa motseng wa Cokonyane gaufi le Taung mo bekeng e fitileng.
Go kaiwa fa mmueledi ono wa semolao, o itsegeng mo motseng wa Taung, Tebogo Letloleng, a ne a tshwarwa ke sepodisi morago ga go fitlhelwa ka kgomo e le nngwe e go belaelwang ele ya bogodu.
Letloleng, o tlhotse a shadikantse matlho fa pele ga magistrata wa Taung le go dira kopo ya beile. Fela, kopo ya gagwe ga ya atlega, gonne kgetsi ene ya busediwa morago go fitlha ka Labobedi wa beke e e tlang.
Magistrata are, seno ke go naya sepodisi nako ya go ka dira dipatlisiso. Letloleng o ka nama a letile kwa ntlo-lefitshwana morago ga gore go tlhagelele gape dikgetsi dingwe tsa bosenyi tse a golaganngwang le tsone.
Lekgotla le utlwile fa Letloleng a amega mo dikgetsing dingwe tsa bosenyi kwa porofenseng ya Gauteng, mme a tshwanelwa ke go ka di arabela.
Mongwe wa Barua-kgomo kwa motseng wa Modimong, Brigadier Mothupi wa tlhalosa.
“Rele Barua-kgomo mo motseng wa Taung, re itumeletse go tshwara ga monna wa mmueledi wa semolao mabapi le bogodu jwa leruo. Kgang e, e re isa ko goreng leruo la rona le ntse le ya kae. Kgetsi e buseditswe morago, gonne go sentse go dirwa dipatlisiso. Fela, re tshepa fa dipatlisiso di ka senola sengwe gape.
“Fela, re tlile go nna pelotelele, mme re na le tshepo ya gore molao o tla diragadiwa. Go na le dikgetsi dile dintsi tsa bogodu jwa leruo tse re nang le tshepo ya gore monna o, a ka latofadiwa ka tsone,” Mothupi wa tlhalosa.
O mongwe wa Barua-kgomo, Gaobusetse Kanyane le ene o ntshitse maikutlo a gagwe jana.
“Bogodu jwa leruo ga jwa siama, gonne bo re dirisa dilo tse re sa tshwanelwang le ke go di dira. Ke boatla jo bo tshwanetsweng ke gore bo emisiwe. Tota go ka nna monate, ha mongwe le mongwe a ka tshele ka se eleng sa gagwe. Go fitlha ga jaana, maikutlo a barua-kgomo a ko godimo morago ga go tshwarwa ga monna o,” Kanyane wa tlhalosa.
Kgabagare, sebueledi sa sepodisi mo Bokone Bophirima, Lieutenant Colonel, Amanda Funani o boleletse ba dikgang tsa Taung DailyNews fa dipatlisiso di tsweletse kgatlhanong le Letloleng.
“Molatofadiwa o tshwerwe ka di 2 Sedimonthole 2022 morago ga go fitlhelwa ka leruo le go belaelwang ele la bogodu. O tlhageletse lekgetlho la ntlha fa pele ga magistrata wa Taung ka Mosupulogo, mme one a solofetse go ka dira kopo ya beile mo letsatsing la gompieno. Go ya ka dipego, go fitlhetswe kgomo ele nngwe e go belaelwang ele ya bogodu go molatofadiwa,” Funani wa tlhalosa.