
Ka BAKANG MOKOTO
Katlholo mo kgetsing ya polao ya mmakgwebo o o itsegaleng mo Taung, Kgomotso Serei, e buseditswe morago go fitlha 24 Moranang 2023. Kgetsi eno, ene e reeditswe kwa kgotlhatshekelo-kgolo ya Bokone Bophirima kwa Mahikeng kgatlhanong le balatofadiwa ba le bararo eleng, Tumo Phatudi, Zwelinzima Mohapi ga mmogo le morwa wa moswi yo eseng wa madi, Lebogang Serei.
Mo letsatsing la gompieno, lekgotlha le ntshitse molatofadiwa, Zwelinzima Mohapi mo kgetsing eno, gonne go sena bopaki jo bo lekaneng go ka mo golaganya le polao ya ga Kgomotso.
Go begwa ka ngwaga wa 2017, Lebogang Serei one a thapa balatofadiwa-nae go ka bolaya Kgomotso yo one a na le kgwebo ya mmoshara kwa toropong ya Taung. Go ya ka dipaltisiso tsa sepodisi, lekwalo le lene le kwadilwe ke moswi rragwe Lebogang, le leneng le atlholang gore dithoto tsa gagwe di ka neelwa mang (will), ele lone bakileng tlhatlharuwane ebile le tlhotlheleditseng Lebogang go ka rulaganya polao ya ga moswi mmagwe yo eseng wa madi.
Go kaiwa fa moswi rragwe Lebogang, a ne a kaya fa bontsi jwa dithoto ditshwanetswe ke go neelwa Kgomotso, mme seo go begwa fa sene sa utlwisa Lebogang botlhoko. Kgomotso one a lobelwa dintshi ka go thuntsiwa kwa dikagong tsa kgwebo ya gagwe. Go begwa fa Phatudi ele ene one a thuntsa moswi.
Lebogang o boleletse le kgotlha fa a ne a sa itse sepe ka thulaganyo eo ya polao, ebile ene one a seo mo motseng wa Taung ka motlha wa tiragalo e. Fela, dipatlisiso tsa sepodisi di ne tsa mo golaganya le polao ka mafaratlhatlha a mogala wa letheka.